12.07.2015 Views

Tswana version

Tswana version

Tswana version

SHOW MORE
SHOW LESS
  • No tags were found...

Create successful ePaper yourself

Turn your PDF publications into a flip-book with our unique Google optimized e-Paper software.

go tlhaloganyatsamaiso yaBosiamisi kgatlhanong le BosinyiE tlhagisitswe ke Bosekisi ba Bosetšhaba (NPA), Nomoro ya mogala. 27 12 845 6000E phasaladitswe ke Jacana Media, PO Box 291784 Melville 2109, Nomoro ya mogala. 27 11 628 3200© Bosekisi ba Bosetšhaba, 2008E kwadilwe lwa ntlha ka ngwaga wa 2008ISBN 978-1-77009-558-8E fetoletswe ke Samuel Joseph Lebese, Multilingua Translation/Interpretation Services000482 TSWSetswanaLNPA_NPA_A5_BROCHURE.indd 1-26/11/08 2:13:45 PM


o ka e dirisa jang?Buka eno e kwadilwe ke Lekgotla la Bosetšhaba la Batšhutšhusi(NPA) ka maikaelelo a go thusa batho ba e leng batswasetlhabelo kgotsadipaki tse di boneng fa tiragalo ya bosinyi e dirwa. Lekgotla la Bosetšhabala Batšhutshusi le batla go thibela gore batswasetlhabelo ba se tlhole batlhokofadiwa gape. Lekgotla la Bosetšhaba la Batšhutšhusi le eletsa gorebalatofadiwa botlhe ba sekisiwe fa kgotla-tshekelo ka tsela e e matshwanedikgatlhanong le diphoso tse go tweng ba di dirile.Fa go tlhokega gore o ye kwa kgotla-tshekelo, seno se tla dira gore otlhaloganye botoka gore go diragala eng ka nako ya tsheko.Mpatle!Leina la me ke Mpho. Mpatle ka fa teng ga buka gonneke tla bo ke go supetsa dilo tse e leng tsa botlhokwa goreo di gakologelwe.Bokao jwa mafokoGo mafoko a le mantsi a a dirisiwang fa kgotlatshekeloa e leng gore o ka nna wa se ka waa tlhaloganya. Mafoko ano, a kwadilwe kaditlhaka tse di gateletsweng ka fa bukengmme bokao jwa one bo tlhalosiwa kwa tlasefa letlhareng. Go mafoko mangwe a a nang lebokao mo letlhareng la 29 go fitlha go la 31.Buisa tso-tlhe tse di kwadilweng pele o ya kwakgotla-tshekelo gore o tle o tlhaloganye botokase se diragalang. O tla bo o ipakanyeditse goaraba dipotso dingwe le dingwe.DitengKêtapele . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 2Batho Pele . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 4Tsamaiso ya Bosiamisi kgatlhanong le Bosinyi e dira jang? . . . . 5Ditshwanelo tsa batswasetlhabelo le dipaki . . . . . . . . . . . . . . . . . . 8Maikarabelo a motšhutšhisi . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 10Go diragala eng ka wena? . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 12Go diragala eng ka fa kgotla-tshekelo? . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 14Maitsholo a mantle ka fa kgotla-tshekelo . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 18Tirisodikgoka le letshogo . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 20Mabaka a tsa tlamelo ya bana . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 22Porograma ya tshireletso ya Paki . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 24Temoso ka ga go thibela Bosinyi . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 27Mefuta e e farologaneng ya dikgotla-tshelelo . . . . . . . . . . . . . . . 28Mofoko a a dirisiwang fa kgotla-tshekelo . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 29Dinomoro tsa mogala tse di mosola . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . . 32c 1LNPA_NPA_A5_BROCHURE.indd 3-16/11/08 2:13:49 PM


KetapeleKe rata go ka go itsise ka ga Lekgotla laBosetšhaba la Batšhutšhisi le tirelo e reneelanang ka yone jaaka babueledi ba semolaoba setšhaba.Re dirile Togamaano ya Lekgotla laBatšhutšhisi ya 2020, e e ka ga twantsho yabosinyi le go diragatsa bosiamisi go re bathoba kgone go tshelela mo kgololosegong e bileba sireletsegile. Ponelopele ya rona ke goaga Afrika Borwa e e bolokesegileng e bile esireletsegileng:Ponelopele ya Lekgotla laBosetshaba la BatshutshisiBosiamisi mo setshabeng sa rona gorebatho ba tshelele mo kgololosegong lemo tshireletsong.Re rata gore o tle mme o neelane ka bopaki fa kgotla-tshekelong. Ke rata gogo leboga fa o tsere nako ya gago go dira seno. Seno, se dira gore setšhaba se otshelang mo go sona e nne lefelo le le bolokesegileng mo go wena, ba lelapa lagago le ditsala mmogo le batho botlhe ba ba nnang fa setšhabeng seo.Lekgotla la Bosetšhaba la Batšhutšhisi ke karolo ya Tsamaiso ya Bosiamisikgatlhanong le Bosinyi mo Aforika Borwa. Re netefatsa gore bosiamisibo a diragadiwa go batswasetlhabelo ba bosinyi. Jaaka babueledi basetšhaba, re leba dikgatlhegelo tsa batswasetlhabelo ba bosinyi lesetšhaba ka kakaretso. Re na le badirisanemmogo ba re dirang le bonago thibela le go fenya bosinyi – mapodisi, taolo ya dikgolegelo, Lefaphala Bosiamisi le ba bangwe. Lekgotla la Bosetšhaba la Batšhutšhisi le diraseno ka go sekisa batho ba ba tlolang molao mme le dira jalo kwa ntle gapoifo, go tsaya letlhakore kgotsa go siamololela ope.Ke rata go go netefaletsa gore re dira ka natla le ka boineelo go go direla lego thusa go aga botshelo jo boša go batho botlhe.Mmueledimogolo Joseph Mokotedi MpsheMolaodi wa nakwana wa Lekgotla la Bosetšhaba la BatšhutšhisiFa o buisa buka eno, o tla ithuta go le gontsi ka ga:Tsamaiso ya Bosiamisi ya Aforika BorwaDitshwanelo tsa gago jaaka motswasetlhabelo wa bosinyi lejaaka pakiSe se diragalang fa dikgotla-tshekeloLNPA_NPA_A5_BROCHURE.indd 2-36/11/08 2:13:52 PM


Batho PeleBatho Pele ke togamaano ya Puso go netefatsa gore lona batho, lo amogelatirelo e ntle. Seno se akaretsa batho ba ba dirisang kgotsa ba ba amogelangditirelo go tswa mo Lekgotla la Bosetšhaba la Batšhutšhisi bo e lengbabueledi ba setšhaba.Fa re neelana ka diterelo tse di ntle, seno se kaya gore re kgotsofatsa batho bare ba neelang ditirelo. Badiredi botlhe ba puso ba tshwanetse go diragatsa lego latela melao ya Batho Pele (leba fa tlase).Tsamaiso ya Bosiamisikgatlhanong leBosinyi e dira jang?Tsamaiso ya Bosiamisi kgatlhanongle Bosinyi ya Aforika Borwa e nale dikarolo di le thataro:1. Tirelo ya sepodisi– ba thibela bosinyi, ba batlisisabosinyi le go tshwara dinokwanetse go naganelwang gore ke tsonadi dirileng molato. Ka semmusoba bidiwa Tirelo ya Sepodisi saAforika Borwa.2. Tirelo ya botšhutšhisi– ke bona ba ba tsayangtshweetso ya gore batšhutšhisa kgotsa nnyaya.Ka semmuso ba bidiwaLekgotla la Bosetšhaba laBotšhutšhisi.Batho Pele e a re motšhutšhisi o tla:ikgolaganyo le dipaki tsa gagwe nako le nakobaa maemo a ditirelooketsa phitlhelelo ya ditirelonetefatsa gore ba boikoboneelana ka tshedimosetso e ntsi le gona e e botoka ka ga diterelobaa mo phatlalatseng tshedimosetso ka ga ditirelobaakanya le go kopa tshwarelo ka ntlha ya diphoso tse didiragetsengneelana ka ditirelo tse di nang le bolengMotswedi: DPSA, 19963. Moreetsi wa kgetse kgotsabalekgotla – ke bona ba tsayangtshweetso ya gore molatofadiwa omolato kgotsa ga a molato. Ba tsayagape le tshweetso ya gore ke kotlhaoya mofuta mang e e tshwanetsenggo newa motho yo o molato.5. Tirelo ya dikgolegelo – e netefatsagore batho ba ba neilwengkotlhao ya gonna kwa kgolegelongba bewa mo kgolegelong ka nnete.Ba leka gape le go tlhabolola batlolamolaoba ba bonweng molato mmeba le ka fa tlase ga tlhokomelo yabona. Ka semmuso ba itsege jaakaLefapha la Ditirelo tsa Tshiamiso.4. Lefapha la Bosiamisi– le neelana ka phitlhelelo leboleng jwa bosiamisi go bathobotlhe.Ka semmuso le itsege jaakaLefapha la Bosiamisi le Tsweletsoya Molaotheo.6. Modirediloago – o neelanaka ditirelo tsa katlaatleloloagogo batlhoki le batho ba ba bokoae bile ba kgona go utlwisiwabotlhoko bonolo fela.Ka semmuso ba bidiwa Lefaphala katlaatleloloago.motšhutšhisimotho yo o tlisang kgetsekgatlhanong le molatofadiwa(o itsege gape jaaka motšhutšhisiyo o emelang puso kgotsamotšhutšhisi wa setšhaba)tirelo ya sepodisimokgatlho o o lekang go tshwaradinokwane le go bona gore bathoba latela malaopatlisisogo batlisisa dintlhago ithuta nnete ka gasengwego tšhutšhisago tlisa kgetsekgatlhanong le mothoyo a latofadiwang kago tlola molaomoreetsi wa kgetsemagiseterata kgotsamoatlhodi yo oreetsang kgetsebolekgotlase se leng ka gadikgotla-tshekelodikatlholokotlhao e e maleba e entshiwang ke moatlhodiwa molatogo tlhabololago thusa batlolamolaogore ba boele go nnabatho setŠhabengmolebeledi wa motho yo aneilweng katlhaomotho yo o tshwanetseng gonetefatsa gore motho yo aneilweng kotlhao ya ka o fa ntlega kgolegelo o itshotse sentlebokoago tlhoka nonofoya mmele kgotsa goutlwisiwa botlhokobonoloLNPA_NPA_A5_BROCHURE.indd 4-56/11/08 2:13:55 PM


Dikgato tse di dirang gore Tsamaiso ya Bosiamisikgatlhanong le Bosinyi e dire sentle:Bosinyi bo begwa kwa seteišeneng sa mapodisiMapodisi a bula kgetse le go batlisisa bosinyiKgetse e romelwa kwa kgotla-tshekelo(motšhutšhisi o tla tsaya tshweetso ya gore a go tlhokega dipatlisiso gape)Re tlhoka bosiamisi mo setshabengsa rona gore batho botlhe ba tleba tshelele mo kgololosegong le motshireletsegongLekgotla la Bosetšhaba la Botšhutšhisi le tsaya tshweetso ya gore lesekisa motho kgotsa nnyayaFa ba tsaya tshweetso ya go sesekisi motho, ke ka ntlha yagore ga gona kgetse e e popotakgatlhanong le motho(ga gona bopaki jo bo lekaneng)Fa ba tsaya tshweetso yago sekisa, kgetse e isiwakwa kgotla-tshekelo mmemotho o a latofatswaMotšhutšhisi a ka tsayatshweetso ya go dirisatsela nngwe ya gorarabolola kgetseKwa kgotla-tshekelo, molatofadiwa a ka dira kopoya go gololwa ka beili(fa a santse a emetse gore tsheko e fele);morago ga seno, go nne le tsheko ya go reetsa kopo ya beiliKgetse e ka busetswa moragomakgetlo a le mmalwa fa gosantse go kgobokangwa bopakikgotsa e ka nna ka ntlha ya goremolatofadiwa a lope/a batle mmuelediMotšhutšhisi o tla simolola go bitsa paki go neelana kabopaki go supa gore molatofadiwa o molatoMolatofadiwa kgotsa mmueledi wa gagwe le ene a ka bitsapaki kgotsa a neelana ka bopakiMorago ga gore matlhakore ka bobedi a reediwe, moreetsamolato o tsaya tshweetsoya gore a molatofadiwa o molato kgotsa ga a molatoFa a le molato, mololatofadiwa o tla newa kotlhao ke moreetsamolato kgotsa moreetsakgetsedoketesekwalo se se nang le tshedimosetsoe e botlhokwa, leba dokete ya kgetsebopakitlhaloso ya ditiragalo ka molomommogo le dikwalwa tse di dirisiwangjaaka bosupi mo kgetseng kwa kgotlatshekelobeilitsela ya go netefatsa gore fa mmelaelwa o tla tla tshekong fa a golowa mo kgolegelong.Netefatso eno e dirwa ka go duela madi a a rileng mme fa a sa tle tshekong kgotsaa sa latele ditaelo tse a di beetsweng tsa beili, madi a gagwe a tla jewa ke puso.Mo mabakeng a le mantsi madi a beili a tla busetswa motho fa tsheko e fela go sakgathalesege gore motho o bonwa molato kgotsa ga a bonwe molato ka tlolomolato ea e dirileng.go tila go romela molatofadiwa kwa kgolegelongtsela e e dirisiwang go neela tšhono go motho yo asimololang go tlola molao mo ditatofatsong tse di nnyegore a direle setšhaba kwa ntle ga go duelwa, go dueladitshenyegelo tse di bakilweng ke tlolomolao, go amogelathuso mabapi le mathata a tagi kgotsa diritibatsi le goamogela thuso ya thotloetso mabapi le maitsholo a a saamogeleseng kgotsa tlhaloganyo e e sa direng sentle.Fa molatofadiwa a na le tirisanommogo mme a lateladiprograma tsa phaposo ya go romelwa kwa kgolegelong,ditatofatso di ka tshololwa. Go tila go romelwa kwakgolegelong ga go direlwe motho yo a tlolang molaolekgetho la bobedi.Fa molatofadiwa a atlholelwago nna kwa kgolegelong, a kagololwa ka parola (tshweetsoe e tla tsewang ke lekgotla ladiparola morago ga go reetsakopo e e jalo)Fa a atlholelwa go duelafaene kgotsa ditshenyegelo,madi ano, a duelwa kwa gotlelereke yakgotlha-tshekeloLekgotla le ka naya mefutamengwe ya kotlhao kwantle ga kotlhao ya go isakgolegelong kgotsa ya difaenepakimotho yo o boneng,utlwileng kgotsa yo aitseng sengwe ka gatlolomolao, a ka neelanaka bopaki mo kgetsengkwa kgotla-tshekelomolatofadiwamotho yo olatofadiwang katlolomolaoparolafa o gololwa kwakgolegelong pele o fetsakatlholo mme fela fa oitshola sentletuelo yatshenyegelo kgotsaditshenyegelogo amogela madi e letuelo ya tshenyegelokgotsa ditshenyegelotse o di bonengtlereke ya kgotlatshekelomodiredipuso kwa kgotlatshekeloya Mageseterata yoo amogelang le go neelanaka dipampiri tsa semolaoLNPA_NPA_A5_BROCHURE.indd 6-76/11/08 2:13:59 PM


Ditshwanelo tsabatswasetlhabelo le dipakiDitshwanelo tsa gagoLekgotla la Bosetšhaba le Batšhutšhisi le dira ka natla go netefatsa gorebatswasetlhabelo botlhe le dipaki tse ditlhagelelang kwa kgotla-tshekeloba tsholwa ka tsela e e supang tlotlo le seriti. Batšhutšhisi ba tla dirabojotlhe jwa bona go sireletsa dikgatlhegelo tsa gago le go netefatso gore ga obotsolotswe dipotso ka tsela e e seng maleba.Nako e o leng ka fa teng ga kgotla-tshekelong ka yona e ka nna e e thata. Lebaletlhare la 12 o utlwe se batšhutšhisi/basekisi ba se dirang.Fa o kile wa nna motswasetlhabelo wa tlolomolao, o na le ditshwanelo tse dilatelang: Motšhutšhisi o tla:bua le wena ka tsela e e maleba le ka tlotlole gona fa sephiringgo naya tshedimosetsoamogela tshedimosetsogo sireletsago thusaO na le tshwanelo ya go botsa motšhutšhisi gore ke ka ntlha yaeng a dirile ditshweetso tse a di dirileng. O ka dira ngongorego fao bona e kete ditshwanelo tsa gago ga di tlotliwe. Leba tsamaisomo letlhareng la 33.ke a lebogaGo nna paki ke bogatlhamelamasisi mme kgotsa thusamapodisi le batšhutšhisi gonetefatsa gore bosiamisi boa dirwa. Ke lebogela thusoya gago. Ke se se botlhokwathata mo go rona le mosetšhabeng sotlhe.motswasetlhabelomotho yo a utlwisitsweng botlhoko kgotsa a senyegetswe ke thoto kantlha ya tlolomolao ya molatofadiwa mme e seng ka setšhaba sotlhego botsolotswa dipotsotšhono e e newang motho mongwe go botsolotsa yo mongwedipotso ka ga bopaki jo a neelaneng ka bona go bona gore abopaki joo ke nnete8 9LNPA_NPA_A5_BROCHURE.indd 8-96/11/08 2:14:03 PM


Maikarabelo a motshutshisiMotshutshisi ke mang?Motšhutšhisi o kaela mapodisi go kgobokanya bopaki jo bobatlegang mme a neelane ka bona kwa kgotla-tshekelo le go supetsalekgotla gore le amogele bopaki jo bo ntseng jaalo gore ke nnte.Leba letlhare la 7 go bona gore motšhutšhisi o tsaya karolo jangmo Tsamaisong ya Bosiamisi kgatlhanong le Bosinyi.Kantoro ya motšhutšhisi e na le letshwao le le supang jalo.Kantoro ya tshedimosetso e ka go thusa go mmona.Motšhutšhisi ke ena a tsayang tshweetso go re o a sekisa kgotsannyaa.O netefatsa gore batswasetlhabelo le dipaki ba tsholwa sentle.Fa motšhutšhisi a sa supa “kwa ntle ga pelaelo” gore molatofadiwao molato, molatofadiwa a ka se ke a bonwa molato ke kgotlatshekelo.Motšhutšhisi a ka swetsa go sekisa molatofadiwa gore a kgopologe,segolo fa molotofadwa a le mmotlana gape a simolola go tlolamolao.Motšhutšhisi o thusa kgotla-tshekelo go fitlhelela tshweetsoe e siameng ka molato le go naya katlholo e e matšhwanedi.Batho ba ka kgona go lemoga motšhutšhisi yo odirang fa dikgotla-tshekelo tse di potlanaka kobo ya gagwe ya tiro.kwa ntle ga palaelo epeselekanyetso sa bopaki jo botlhokagalang gore motho a bonwemolato – ga go a tshwanelwa go nnale palaelo epe gore motho o molatogo gololwa mo ditatofatsangkgotsa go se bonwe molatofa lekgotla le sa go bone molatongwana o o ka fa tlarega tlhokomelo yabatsadimotho yo o ka fa tlase gadingwaga di le 18motlolamolaomotho yo o dinang molato; gantsilereo leno le dirisiwa fa motho yoo tlolang molao a na le kopano lemotswasetlhabelokatlholo ya molatokatlholo ya molato e e tlhalosang goremotho o molato kgotsa ga a molato10 11LNPA_NPA_A5_BROCHURE.indd 10-116/11/08 2:14:05 PM


Go diragala eng ka wena?Batswasetlhabelo, dipaki la batho bangwe ba ba neelanang ka tshedimosetsomabapi le bosinyi, ba thusa mapodisi go rarabolola kgotsa go thibela bosinyi.Ba ka thusa gape ka go neelana ka bopaki fa kgotla-tshekelo.Go dira setatamenteFa o na le tshedimosetso ka ga bosinyi jo bo dirilweng, o tlakopiwa go dira setatamente mo lepodising mme o ikanisitswekgotsa o lemosiwa gore o tshwanetse go kwadisa nnete fela mosetatamenteng sa gago. Setatamente se se tla diriswa fa o neelana kabopaki kwa kgotla-tshekelo.Fa o kgona go buisa le go tlhaloganya puo e setatamente se kwadilwengka yona, se buise pele o saena. Fa o sa kgone, kopa mongwe gogo buisetsa sona kgotsa go go tlholosetsa sona. Fa go na le phoso e edirilweng mo setatamenteng, kopa gore e siamisiwe pele o saena.Go ya kwa kgotla-tshekeloMapodisi a tla go naya lekwalo le le go itsiseng ka go ya kwakgotla-tshekelo. O tshwanelwa ke go ya teng go fitlha o neelanaka bopaki. Fa o sa dire jaaka o laelwa ke lekwalo la go ya kwakgotla-tshekelo, o ka tswarwa.Fa o na le dipotso kgotsa tshedimosetso, botsa kgotsa bolelelamotšhutšhisi pele o tlhagelela fa pele ga kgotla-tshekelo. Go kadiragala gore o tlhoke nako ya dipotso kgotsa ditlhaloso ka letsatsila tsheko.Fa o fitlha kwa kgotla-tshekelo, bolelela motšhutšhisi gore o teng.Gakologelwa gore o ka kopa go buisa setatamente sa gago gape nakonngwe le nngwe pele o ya kwa kgotla-tshekelo.O tshwanelwa ke go leta go fitlhela o fetsa go neelana ka bopaki.O se ke wa tswa ka moago wa kgotla-tshekelo kwa ntle ga tetla yamoreetsamolato wa molato. Motšhutšhisi o tla go thusa go fiwa tetlaya go dira jaolo.Paki ga e a tshwanela gonna ka fa teng ga kgotla-tshekelo gofitlha e bidiwa go tla go neelana ka bopaki.Fa mongwe a leka go buisana le wena ka kgetse, bolelela lepodisile le batlisisang kgetse kgotsa motšhutšhisi. O seke wa buisana leope ka kgetse kwa ntle ga motšhutšhisi kgotsa ngaka e e dirangka tlhaloganyo e e go thusang ka kgetse.MatshosetsiGo kgatlhanong le molao gore motho a go tshosetse. Fa otshosediwa, bolelela lepodisi le le batlisisang kgetse kgotsamotšhutšhisi.Go kgatlhanong le molao gore motho mongwe, le fa e le leloko lalapa la gago, a go gapeletse ka tsela efe kapa efe gore o se ke wanna paki.Leba letlhare la 24–26.Fa o diraItsese mothapi wa gago gore o amogetse lekwalo le le go biletsangkwa kgotla-tshekelo. Mothapi wa gago o tshwanela go go letla goya kwa kgotla-tshekelo.Fa o se modiredipuso, mothapi wa gago ga a pateletshege go goduela madi a le tsatsi le o sa le direlang. O ka kopa go duelwamadi a letsatsi le o sa le direlang kwa kgotla-tshekelo. Botsamotšhutšhisi ka ga seno. O ka kgona gape le go kopa madi a aduelelwang dipaki.Ditshenyegelo Go ditshenyegelo dingwe tse o ka di duelelwang, jaaka madi a oa dirisitseng go duelela senamelwa fa o tla kwa kgotla-tshekelo.Fa o feditse go neelana ka bopaki, kopa motšhutšhisi gore atlatse foromo.setatamentetlhaloso ka sekwalwakgotsa ka molomo ka gase se diragetseng e e kadirisiwang jaaka bopakimaikanogo ikano goresengwe ke nnetenetefaletsosetatamente se setlhalosang gore motho otla bua nnete.go pakago neelana ka bopakikwa kgotla-tshekelolekwalo le le biletsang mothokwa kgotla-tshekelokitsiso ya semmuso e e itsisengpaki gore e tshwanetse go tlakwa kgotla-tshekelo go neelanafa kgotla-tshekelaka bopaki12 13LNPA_NPA_A5_BROCHURE.indd 12-136/11/08 2:14:06 PM


Go diragala eng ka fa kgotlatshekelo?Ke bomang ba ba leng ka fakgotla-tshekelo?Moreetsi wa kgetseAsesaraPakiTlereke ya kgotlatshekeloLepodisi la fa kgotlatshekeloMotšhutšhisiMmuelediTolokoMolatofadiwaBatho ba ba tlilenggo reetsa tshekoBeiliFa motho yo a tshwerweng a tlisiwa kgotla-tshekelo lwa ntlha, moreetsakgetseo tshwanetse go tsaya tshweetso ya go mo golola ka beili.Fa motswasetlhabelo a boifa molatofadiwa fa a ka gololwa kabeili, o tshwanetse go bolelela motšhutšhisi kgotsa lepodisi le lebatlisisang molato.Fa molatofadiwa a golotswe ka beili mme a ikgolaganya lemotswasetlhabelo ka tsela efe kapa efe, motswasetlhabelo otshwanetse go itsise motšhutšhisi kgotsa lepodisi le le batlisisangkgetse.Mo nakong ya tsheko ya beili, magiseterata a ka batla go reetsabopaki. Kgotla-tshekelo e tswanetse go tsaya tshweetso mabapile beili.Go ikarabela mo tatofatsongTsheko e simologa fa motšhutšhisi a bolelela molatofadiwa goreo latofatswa ka eng. Go tloga foo, molatofadiwa o ikarabela motatofatsong. Seno se raya gore molatofadiwa o tla bua gore o molatokgotsa ga a molato. Fa a re ga a molato, kgetse e a sekiwa.TolokoTsheko e tla nna ka Seisimane kgotla SeAforikanse. Fa o tlhoka toloko, e tenggo go thusa.1.Bopaki jo bo tliswang kemotshutshisiMo tshekong, motšhutšhisi o bitsa paki go tla go neelana ka bopaki.Motšhutšhisi o kaela paki gore e seke ya tlogela sepe se se botlhokwa kwamorago. Paki e ka nna:MotswasetlhabeloMongwe le mongwe yo o itseng se se diragetseng kgotsa yo oitseng sengwe ka ga bosinyiLepodisi, moitseanape wa tsa forensiki kgotsa baitsenapebangwe.go ikarabela mo tatofatsongke fa o re “ke ipona molato” kgotsa “ga ke ipone molato” mo ditatofatsong mokgotla-tshekelo ya bosinyi; e bile gape ke go tlhalosa itshireletso ya gago mokgotla-tshekelo ya selegaeforensikitsela ya saense ya gorarabolola kgetse14 15LNPA_NPA_A5_BROCHURE.indd 14-156/11/08 2:14:10 PM


2.Go botsolotsa dipotso kgotsa goganetsa ka dipotsoFa paki nngwe le nngwe e fetsa go neelana ka bopaki, molatofadiwa kgotsammueledi wa gagwe wa semolao, a ka botsa paki dipotso. Seno ke go leka gobona gore a bopaki jwa paki ke nnete kgotsa ga se nnete. Seno se neela gapemolatofadiwa kgotsa mmueledi wa gagwe wa semolao tšhono ya go neelana katlhaloso ya gagwe mabapi le se se diragetseng.4.Mabaka a go neelwanang ka one moragoga bopaki jotlheMo mabakeng a go neelwang ka one morago ga go reetsa bopaki jotlhe,motšhutšhisi o tla sobokanya dintlha tsotlhe tsa kgetse. O tla tlhalosa mabakagore ke ka ntlha ya eng molatofadiwa a tshwanetse go bonwa molato. Molatofadiwakgotsa mmueledi wa gagwe wa semolao le ene o newa tšhono ya go supetsakgotla-tshekelo gore ke ka ntlha ya eng a sa tshwanelwa ke go bonwa molato.3.Go ikarabela ga molatofadiwagolola moditatofatsongtsela e nngwe ya goremotho ga a molatoMmueledi wa semolao wa molatofadiwa a ka botsa le wena dipotso. Tiroya gagwe ke go sireletsa molatofadiwa kgatlhanong le ditatofatso.Mmueledi wa semolao a ka supa go se nne botsalano mo go wena kago go botsa dipotso tse di popota.Leka go iketla mme o bue nnete le faseno se raya gore o tshwanetse go boeletsa se o setseng o se buile (buisaletlhare la 18 go fitlha 19).Morago ga bopaki jwa dipaki tsa motšhutšhisi, molatofadiwa kgotsammueledi wa gagwe wa semolao a ka kopa gore kgotla-tshekelo e se bone,molatofadiwa molato mme a gololwe mo ditatofatsong. Seno se diragala faba bona gore motšhutšhisi ga a supa gore molatofadiwa o molato.Moreetsamolato ke ene a tsayang tshweetso ya go golola molatofadiwakgotsa go tswelelapele ka kgetse.Mmueledi wa semolao o tlhagisa bopaki mme a bitse dipaki tse di kaakaretsang molatofadiwa. Mmueledi wa semolao wa molatofadiwa o tlaleka go supa fa molatofadiwa a se molato ka go supa makoa mo bopakingjwa dipaki tsa motšhutšhisi le gore bopaki jwa bona ga se nnete mmebopaki joo, ga bo a lekana gore kgotla-tshekelo e ka bona molatofadiwamolato.Motšhutšhisi a ka botsa dipaki tsa molatofadiwa dipotso. Molatofadiwale ene a ka bodiwa dipotso. Leba kaelo “Mo lebokosong la bopaki” letlharela 18.go bonwa molatofa kgotla-tshekelo ebona molatofadiwamolato mo tatofatsongdingangisanomabaka a motšhutšhisi lemmueledi ba neelanang kaone pele kgotla-tshekelo eatlhola molatomaitshireletso kgatlhanongle molatogo tlhalosa lebaka la gore gorengo sa ipone molatomongongoregimotho yo latofatsangmongwe kwaseteisheneng samapodisi5.Kathlholo ya molatoKgotla-tshekelo e tsaya tshweetso ya gore molatofadiwa o molato kgotsa gaa molato.Fa molatofadiwa a bonwa molato, seno se kaya gore motšhutšhisi osupile kwa ntle go pelaelo epe gore molatofadiwa o molato.Fa molatofadiwa a sa bonwe molato, ke ka ntlha ya goremoreetsakgetsi o na le dipelaelo. Fa go na le pelaelo, kgotla-tshekeloga e a tshwanela go bona molatofadiwa molato. Seno se raya gore ogololesegile go ka tsamaya.6.Sebaka sa go neela molatofadiwakatlholoFa molatofadiwa a bonwe molato, moreetsamolato o tsaya tshweetsogore o mo naya kotlhao e e ntseng jang.Ka sebaka se, motšhutšhisi le mmueledi wa molatofadiwa ba kabitsa dipaki.Motšhutšhisi a ka bua ka fa tlolomolao e neng e sa siama ka teng; goree amile jang setšhaba mmogo le motswasetlhabelo mme ebile gape aka bitsa le dipaki.Motšhutšhisi a ka kopa gape gore mongongoregi a duelweditshenyegelo tsa gagwe fa e le goreo di bone ka ntlha ya tlolomolao.Mongongoregi o tshwanetse gokopa motšhutšhisi gore a dire kopoya tuelo ya ditshenyegelo pelemolatofadiwa a newa katlholo.16 17LNPA_NPA_A5_BROCHURE.indd 16-176/11/08 2:14:13 PM


Maitsholo a mantle ka fakgotla-tshekelotebego le maitsholoNna kwa kgotla-tshekelo ka nako e e nepagetseng mme e seke yanna morago ga 8:30 mo mosong (kgotsa nako e e kwadilweng molekwalong le le go biletsang kwa kgotla-tshekelo).Apara bophepa mme o itshole sentle.Leka go tlogela bana kwa gae gonne ga gona batlhokomedi ba banakgotsa mafelo a a sireletsegileng go ba baa mo go ona.O seke wa rwala diporele tsa go itshireletsa kgatlhanong le letsatsikgotsa kuane ka fa teng ga kgotla-tshekelo.O seke wa tlhafuna ditšhapisi.Tima selefounu ya gago fa o le ka fa teng ga kgotla-tshekelo.O seke wa tsena ka dijo kgotsa dino ka fa teng ga kgotla-tshekelo.Dibolai tsa mofuta ofe kapa ofe ga di a letlelelwa.Ga o a tshwanela go tla o nole tagi kgotsa o dirisitse diritibatsi.Kgotla-tshekelo e simolola ka ura ya 9:00 mo mosong mo dikgotlatshekelotsa bo magiseterata le ka ura ya 10:00 mo mosong modikgotla-tshekelo tse dikgolo. Kgotla-tshekelo e nna go fitlhadikgetse di fela kgotsa go fitlha ka ura ya 4:00 mo tshokologong.Mo lebokosong la bopakiFa o ikanisiwa, leba kwa go moreetsamolato mme o bue ka lentswele le utlwagalang o re, “ka jaalo Modimo nthuse”. Mo boemong jwaseno, o ka nna wa re “Ke tla bua nnete, nnete yotlhe, nnete fela”.Seno ke se se bidiwang netefaletso.O solofetswe go ka ema ka dinao fa o neelana ka bopaki mme fela oka kopa go nna fa fatshe. Bua sentle mme o buele kwa godimo.Reetsa potso sentle. Netefatsa gore o a e tlhaloganyakgotsa kopa gore o e tlhalosediwe.Lebelela motho fa o araba mme oarabe fela potso e o e bodiwang.O seke wa tshikinya tlhogo go bontsha godumela kgotsa go gana. Araba potso nngwele nngwe ka molomo.Fa motšhutšhisi a bua go bontsha go nnakgatlhanong le sengwe, o se ke wa tswelapele ka gobua. Emela moreetsamolato go tsaya tshweetso ka gago nna kgatlhanong go go tlhagisitsweng mme otswelepele go bua fa o laelwa jalo.Fa o sa batle go araba potso, o seke wa botsa moreetsamolato gore a oka araba. Fa potso e le e e seng matshwanedi, motšhutšhisi o tla supa gonna kgatlhanong le potso e e jalo. Fa a sa dire jalo, o tshwanetse go arabapotso kgotsa magiseterata o tla thibela mmueledi wa semolao go botsapotso eo.O seke wa nna manganga kgotsa wa letlelela gore o fegelwe.Seno se ka seke sa go thusa.Fa o dira phoso, amogela seo. Ga go na motho yo o tla go tshwayang phosoka seo mme fa ba nagana gore o bua maaka,ba ka go tshwaya phoso.Itse dintlha tsa gago mme o seke wa bua bopaki jwa gago e kete wa buisaka go nne o ka itlhakatlhakanya fa dipotso di sa bodiwe ka tatelano.Fa o sa gopole dintlha dingwe, o letleletswe go ka re “Ga ke gopole”.Fa potso e boeletswa, naya karabo e o e neileng lwa ntlha.Se se botlhokwa go feta tsotlhe ke gore o ikanne kgotsa o netefaditse gobua nnete. Fa o ka fitlhelwa o bua maaka, o ka bulelwa kgetse. Seno sedira gape le gore bopaki jotlhe jwa gago bo belaelwe mme se ka dira goremotlolamolao a seke a bonwa molato.go nna kgatlhanong le sengwego nna kgatlhanong le sengwe kgotsa go supa go nna kgatlhanong le sona ka mafoko18 19LNPA_NPA_A5_BROCHURE.indd 18-196/11/08 2:14:17 PM


Tirisodikgoka le letshogoTirisodikgoka ya ka fa malapeng le melatoya tsa thobalanoGo na le mefuta e e farologaneng ya melato ya tsa thobalano le tirisodikgokaya ka fa malapeng. Melato ya tsa thobalano e akaretsa petelelo le go tlhaselamongwe ka tsa thobalano (fa o bewang mo maemong a thobalano e o sa ebatleng) le melato mengwe e e welang ka fa tlase ga melao e e kwadilweng ee tsamaisanang le melao eo.Tirisodikgoka ya ka fa malapeng e akaretsa tshotlako ya mmele wa mongwe kathobalano, ka maikutlo, ka puo, mo tlhaloganyong le ka madi, e e dirwang kemogatse wa motho, molekane, mongwe wa baratani (kgotsa mongwe le mongweyo o nang le kgolagano le ene kgotsa yo o kileng wa nna le kgolagano le ene).O dira eng fa o le motswasetlhabelowa tshotlako ka tsa thobalano kgotsatirisodikgoka ya ka fa lapeng?Mo go tsa melao ya tsa thobalano:Bega molato mo seteisheneng sengwe le sengwe sa mapodisi, sepetlelekgotsa tliniki kampo kwa lefelong la tlhokomelo la Thuthuzela.Fa o bega kwa mapodising, ba tla batlisisa kgetse. Lekgotla la Bosetšhabala Botšhotšhisi le tla tsaya tshweetso ya gore le isa kgetse kwa kgotlatshekelokgotsa nyaa. O tla tshwanelwa ke go ya go neelana ka bopaki kaga se se diragetseng. Fa modiramolato a bonwa molato, a ka romelwakwa kgolegelong.Mo letlhareng la 32 o tla fitlhela:mekgatlho e le mentsi e e neelanang ka tshedimosetsoe ntsi ka tirisodikgoka ya ka fa lapengmekgatlho e e neelaneng ka phatlhoso gobatswasetlhabelo le dipaki tsa bosinyi ba ba tsenwengke letshogodinomoro tsa mogala tsa go ikgolaganya le Lefelo laTlhokomelo la ThuthuzelaGo phela ka ditlamorago tse di sasiamang tsa bosinyiKa dinako dingwe batho ba tsenwa ke letshogo ka ga se se badiragaletseng kgotsa se ba se boneng. Ba tlhoka thuso ya boitseanape.Diteishene dingwe tsa mapodisi le dikgotla-tshekelo di na le batho ba bathusang dipaki tse di tsenweng ke letshogo.Batlisisa gore ditirelo tseno di teng le gore o ka bona thuso jang goreo kgone go phela le fa o tsenwe ke letshogo. Go botlhokwa gore o bonethuso. Seno se tla dira gore go nne bonolo mo go wena go phela le fa otsenwe le letshogo le gore o kgone go neelana ka bopaki jo bo botoka fa obiletswa kwa kgotla-tshekelo.Mo go tsa melato ya tirisodikgoka ka fa lapeng:E ya kwa go tlereke ya kgotla-tshekelo ya Magiseterata e e gaufi le wenao tla newa Taelo ya Tshireletso.Fa tirisodikgoka ya fa lapeng e le tlolomolao, o ka bula gape le kgetsekwa seteisheneng sa mapodisi se se gaufi le wena.tlolomolao ya melao e ekwadilwengfa o tlola molao jaaka obeilwe mme o letleletsweke Palamente go nna tengmelaomelao e eletleletsweng kePalamenteLefelo la tlhokomelo la Thuthuzelalefelo la tlhokomelo ya batswasetlhabeloba tirisodikgoka ya bong, batswasetlhabeloba melato e e jaana ba ka bega melato molefelong leno mme ba amogele ditirelo (lebamodiramolatomotho yo odirang molatogo tsenngwa letshogogo kgobega marapo, goboifa kgotsa go nna leletshogo ka ntlha yasengwe se se sa siamanggape letlhare la 32)se se go diragaletseng20 21LNPA_NPA_A5_BROCHURE.indd 20-216/11/08 2:14:19 PM


Mabaka a tsa tlamelo ya banaDikgotla-tshekelo di ka laela motho gore a neele mongwe tshegetso ya madi.Seno se bidiwa tlamelo. Ke madi a a duelwang ka letlha lengwe le lengwe le lebeilweng. Tlamelo ya ngwana ke maikarabelo a batsadi ba ngwana ka tsalokgotsa batsadi ba ba tsereng ngwana mo mothong mongwe ka semolao go nnangwana wa bona.ke tsaya dikgato leng?Fa rragwe kgotsa mmagwe ngwana wa gago a sa tlamele ngwana kadinako tsotlhe.Fa motho yo o laetsweng semolao gore a tlamele ngwana a sa lateleTaelo ya Tlamelo.ke dira jang kopo ya tlamelo ya ngwana?Modiredipuso yo o dirang ka tsa tlamelo ya bana kwa kgotla-tshekelo e egaufi le wena o tla go thusa go tlatsa diforomo tsa go dira kopo mme a go bolelelegore o dire eng. O tlhoka dikwalwa tse latelang:Lokwaloitshupo la gago le la motho yo o ratang gore a duele madi atlamelo, fa le le teng.Dinomoro tsa gago tsa mogala le aterese, le tsa motho yo o batlangmadi a tlamelo ya ngwana mo go ene, fa di le teng mmogo le aterese yamothapi wa gagwe fa o na le yona.Setifikheiti sa matsalo sa ngwana wa gago.Setatamente sa kwa bankeng fa o na le akhaonto ya banka.Pampiri fa o kwadileng teng dilo tse ngwana a di tlhokang.Akhaonto ya metsi le mabone, rasiti ya dijo le ditlhokego dingwe tsa falapeng, akhaonto ya diaparo le direkoto tsa bolwetse.Pampiri ya tlhalo le tumellano ya tlhalo fa o tlhadile kgotsa o tlhadilwe.go diragala eng morago ga foo?Modiredipuso yo o dirang ka tsa tlamelo ya bana o tla go nayanomoro ya kgetse le letlha la go tla kgotla-tshekelo fa e le gorerrago ngwana kgotsa mmago ngwana a ka bonwa.O tla ntsha lekwalo le le biletsang motho yo o batlang gore a duelemadi a tlamelo ya ngwana, go tla kwa kgotla-tshekeloKa letsatsi la go tla kgotla-tshekelo, modiredipuso yo o dirang katsa tlamelo ya bana o tla buisana le lona ka bobedi mabapi le madia a tshwanetseng go duelwa.Fa tumelano e sa fitlhelelwe, kgetse e tla ya kwa kgotla-tshekelo.Morago ga tsheko, Taelo ya Tlamelo e a dirwa. Yona e tlhalosa gorego tshwanetswe ga duelwa bokae ya tlamelo,gore madi ao a duelwa jang le gore ke mang yoo tshwnetseng go duela.se se botlhokwaO seke wa nyema moko fa:O sena dipampiri tsotlhe tse di tlhokegang– e tla le tse o di tshotseng.O sa itse kwa rragwe kgotsa mmagwengwana a leng kwa teng. Mmatlisisiwa tsa tlamelo a ka thusa goremotho yoo a bonwe.Ba tla kgobokanya gape le tshedimosetsonngwe e e tlhokegang mo kgetseng ya gago.Go se duele madi a tlamelo ke molato.Mogôlo kgotsa dithoto tsa motho di ka tsewa go duelelamadi a tlamelo a a sa duelwang. modiredipuso yo o dirangka tsa tlamelo ya bana go go thusa ka seno.modiredipuso yo o dirang ka tsa tlamelo ya banamotho yo o dirang ka tsa tlamelo ya bana kwa kgotla-tshekelo, batšhutšhisi botlheke badiredipuso ba ba dirang ka tsa tlamelo ya bana, go ka kgethiwa gape le batho bangweLNPA_NPA_A5_BROCHURE.indd 22-236/11/08 2:14:23 PM


Porograma ya tshireletsoya PakiTshireletso ya paki ke eng?Fa o le paki mme o tshogela tshireletso ya gago, o ka dira kopo yatshireletso ya paki. Wena le ba lelapa la gago ba le tshoseditsweng,le tla tlosiwa ka bonako mo maemong a a kotsi.Fa o palelwa ke go dira kopo ya tshireletso ya paki, mongwe ka falapeng a ka go direla kopo e e jalo.O ka seke wa gapelediwa go nna karolo ya porograma. O tshwanetse goe tsenela ka go rata ga gago.O dira kopo jang?O tshwanetse go bega letshogo le o nang le lona kwa bathong ba ba latelang,ba ba tla go thusang ka go dira kopo:Lepodisi le le batlisisang kgetse e o leng paki mo go yona.Molaodi mogolo kwa seteisheneng sa mapodisi gongwe le gongwe.Motšhutšhisi mo kgetseng e o neelanang ka bopaki mo go yona kgotsamotšhutšhisimogolwane kwa kgotla-tshekelo.Go diragala eng fa o dira kopo yatshireletso ya paki?O tla tlosiwa ka bonako jo bo ka kgonagalang mo lefelong la kotsi.O tla bewa mo lefelong la nakwana la tshireletso.Mo nakong eno, modiri wa tsa tshireletso ya paki o tla diradipatlisiso mabapi le kopo ya gago a bo a dira asesemente ka gamatshosetsi.Tumellano ya tshireletsoFa go tsewa tshweetso ya gore o bewe ka fa tlase ga porograma, otshwanetse go saena tumellano ya tshireletso mme o neelane kadintlha ka botlaloTumellano e direlwa pabalesego ya gago le ya badiri ba tsa tshireletsoya paki le mongwe le mongwe mo porogrameng.O tshwanetse go latela melao ya porograma.Fa o beilwe ka fa tlase ga porograma, wena le batho ba o nang le kgolaganole bona, le tla tshegediwa ka ditirelo.24 25LNPA_NPA_A5_BROCHURE.indd 24-256/11/08 2:14:27 PM


tshegetso ya tshireletso ya Paki leditirelo dingwe tsa yonaWena le balosika lwa gago le tla bewa mo ntlung e ebabalesegileng, fa go tlhokega.O tla tlosiwa mo lefelong le le kotsi.Ngaka e e dirang ka tsa tlhaloganyo e tla dira asesemente eeleng ka ga letshogo le ya tlhaloganyo mme e tla go thusa moletshogong le o nang le lona.O tla nna karolo ya porograma e e rutiwang ka ga yona pele osimolola ka yona. Seno se tla go ruta melao ya teng le gore o kasolofela eng.Fa o sa dire, go na le madi a o tla a newang go reka dilo tse ditlhokegang gore o tshele.Fa o dira, o tla fiwa madi a a emelang mogôlo wa gago.Fa bana ba gago ba na le wena, go tla dirwa dithulaganyo gore bakgone go ya kwa sekolong.temoso ka ga go thibelaBosinyisimolola ka go tsaya karolo motikologong ya gagoRulaganya kgotsa tsenela diporograma tsa boagisane tse di jaaka Foramo yaSetšhaba ya Sepodisi. Fano, ke fa wena le baagisane ba gago le kopanang goithuta go itshireletsa, go sireletsa malapa a lona, magae a lona le dithoto tsalona. Seno se ka thusa gore batlolamolao ba se nne teng mo tikologong yalona.Sedikwa ke ntšwapedi ga se thata. Ke gona o tla itseng baagisane ba gago letikologo ya gago sentle.Fa o dirisana le bona o ka kgona go:Fedisa tlolomolaoNna seopasengwe mo setšhabengDira gore gonne le dipuisano magareng a mapodisi le setšhabaDira gore gonne le ditsela tse di dirisiwang go thibela bosinyi nako lenako mo tikologong ya lonaNtšhwafatsa dikgatlhego mo ditiragalong tsa setšhabaTsaya karolo mo kgotla-tshekelo ya setšhaba mo tikologong ya gagoGo tla duelwa ditshenyegelo dingwe tse di jaaka madi a sekolo,sepalangwa, diaparo le tsa bolwetse.O seke wa tlola melao kgotsa wa dirisa porograma yatshireletso botlhaswa go seng jalo, o ka tloswa mo porogrameng.O seke wa bolelela ope gore o kwa kae kgotsa ka dintlha tsa ntluya pabalesego.O seke wa bolelela ope ka tshedimosetso ya porograma yatshireletso. Go dira jalo, ke tlolo molao e e masisi.simolola ka go lwakgatlhanong le bosinyimo tikologong ya gago.tsenela Foramo ya setshabaya sepodisi!etela websaete ya ewww.saps.gov.za kgotsaleletsa seteishene samapodosi se se fa gaufi lewena go utlwa go le gontsikaga go thibela bosinyi.LNPA_NPA_A5_BROCHURE.indd 26-276/11/08 2:14:30 PM


Mefuta e e farologanengya dikgotlatsheleloMofuta wa kgotla-tshekeloKgotla-tshekelo ya Molaotheo– ke kgotla-tshekelo e tona go feta tsothe monageng. Tshweetso ya yona ke ya bofelo mmega go na kgotla-tshekelo e e ka beelang tshweetsoya yona kwa thoko.Kgotla-tshekelokgolo ya Boikuelo– ke kgotla-tshekelo ya bofelo e e reetsangboikuelo mo melatong yotlhe kwa ntle gamelato e e ka ga molaotheo. Ga go na dikgotlatshekelopotlanatse di ka ganetsanang letshweetso ya kgotla-tshekelo eno.Kgotla-tshekelokgoloDikgotla-tshekelo tsa Magiseterata• Kgotla-tshekelo ya Kgaolo• Kgotla-tshekelo ya TikologoKgotla tshekelopotlana – ditshweetso tse edi tsayang ke tse di khutlang mme o ka se ke wadira boikuelo kgatlha-nong le yona kwa kgotlatshekeloe kgolwane.Melao ya ditshwanelo tsa Bothomelao e e kwadilweng ya ditshwanelole kgololosego e e leng karolo ya molaowa naga eo,ya batho botlhe ba ba nnangmo nageng; Aforika Borwa e na leE seka fela go ya ka melao ya naga. E netefatsagore melao ya palamente e latela molaotheo –go akaretsa le Melao e e ka ga ditshwanelotsa Botho.Dikgetse tsotlhe tsa aphili/boikuelo tsa bosinyitse dineng di reediwa ke kgotla-tshekelo kgolo.Dikgetse tse di ka ga madi.Dikgetse tse di masisi jaaka polao, petelelo le gorera menolo-puso.Dikgetse tse di popota tsa tsietso.Dikgetse tsa diaphili le tsa go tlhotlhomisiwa kekgotla-tshekelokgolo tse di neng di reediwa kedikgotla-tshekelo tsa kgaolo le tsa sedika.Dikgetse tse di ka ga madi.Bontsi jwa dikgetse kwa ntle ga ya menolopuso.Dikgetse tse di seng popota e bile di se masisi.Dikgetse tse di ka ga madi a a sa feteng R7 000.Kgotla-tshekelo kgoloya Boikueloke kgotla-tshekelo kgologo feta tsotlhe mo nageng(kwa ntle ga kgotla-28melao ya ditshwanelo tsa Botho ka fat tshekelo ya molaotheo)mme seno sa tlisaka tikologo ya29eng ga molaotheoSe kgotla-tshekelo e dirang ka sonatsietsogo tsietsa mongweka go bua maakale ka ntlha ya gotlhoka botshepegi,kutlobotlhokoKgotla-tshekeloya Kgaolokgotla-tshekelo e ereetsang melato emegolwaneKgotla-tshekeloya Tikologokgotla-tshekelo yatikologo e reetsadikgatse go yamagiseterataMofoko a a dirisiwang fakgotla-tshekeloGo na le mafoko a le mantsi a a dirisiwang fa kgotla-tshekelo a e leng gore o ka tswa oise o o utlwe mo nakong e e fetileng. Go latela mangwe a ona a a dirisiwang go le gontsi.Go na le mafoko mangwe a a kwadilweng ka bokima mo sekwalong a a tlhalosiwang kwatlase ga letlhare.Afidaviti – setatamente se se ikanisitsweng go nna nnete se se kwadilweng fa pele ga komisinara wamaikano–Se ka dirisiwa jaaka bopaki kwa kgotla–tshekeloAphili/Boikuelo– go kopa kgotla–tshekelo e kgolwane go beela kwa thoko tshweetso, kgotsakatlholo e e tserweng ke kgotla–tshekelopotlanaBopaki jwa magatwe – sengwe se o se utlwileng mo go motho mongweBosupi – bopaki jo bo lekaneng go bontsha gore mongwe o molato kgotsa ga a molatoBotsereganyi – go dirisa motho mongwe go rarabolola bothata magareng a batho ba le babedi ba basa fitlheleleng tamalanoDintlha tsa puisano ya mmueledi wa semolao le yo a mmuelelang tse di sa tshwanelwang goitsiwe ka motho mongwe – sengwe le sengwe se motho a se bolelelang mmueledi wa gagwe, ga sea tshwnelwa go itsiwe ke motho mongwe kwa ntle fela ga tetla ya gagweDokete ya kgetse – faele e e bulwang ke mapodisi fa ba batlisisa kgetseGo bewa mo maemong a a seng matshwanedi – go bopa kakanyo e e tsayang letlhakoreGo bewa tekong – nako e motho a bewang mo tekong go bona gore a ka nna le maitsholo a mantleGo emisa go le gonnye – go emisa tsheko nakwana go ya teyeng; kgotla go fetsa tiro ya letsatsiGo ipofelela ka molato/tshwanelo ya go se ipofelele ka molato – tshwanelo ya go didimala mmeo sa bue dilo tsa di ka dirisiwang kgatlhanong le wena kwa kgotla–tshekeloGo latlhetsa – go dira setatamente sa maaka kgotsa se e seng nneteGo nna mo bonneteng – go dumela gore se o se dirang, o na le tshwanelo ya go se diraGo nyatsa lekgotla – go tlola taelo ya kgotla–tshekelo kgotsa go supa go se tlole kgotla–tshekeloGo se nne teng fa bosinyi bo neng bo dirwa kwa teng – bosupi jwa gore o ne o dira sengwe felogongwe ka nako e bosinyi bo neng bo dirwa ka yonaGo sekaseka tshweetso e e tserweng – ke fa kgotla–tshekelo e kgolwane e sekaseka ditshweetsotse di tserweng ke kgotla – tshekelo e e potlana, go bona gore ga go sepe sa dirwang sentleKamore ya botsereganyi – kamore e go nang le setsaya ditshwatsho mo go yonaKatlholo e e sa tsenyweng mo tirisong – karolo ya katlholo ya kgolegelo kgotsa faene e e beelwangkwa thoko mme e tla tsenywa mo tirisong fa motho a dira gape molato o o tshwanang le ona molebakeng le le beilwengKatlholo ya molato – tshweetso e e tsewang ke moreetsamolato, e ka nna magiseterata kgotsamoatlhodiKgatlhanong le molao – go tlola molaoKgotla–tshekelo ya Bana – kgotla–tshekelo ya Magiseterata e e itlhaotseng e e reetseng dikgetsetse di ka ga maphelo a banaKgotla–tshekelo ya bana ba ba ka fa tlase ga tlhokomelo ya batsodi – kgotla–tshekelo e etlhomilweng kwa kgotla–tshekelo ya Magiseterata fa molatofadiwa e leng ngwana yo o sa ntseng ale ka fa tlase ga tlhokomelo ya batsadiKgotla–tshekelo ya melato ya bosinyi (tikologo,sedika le kgotla–tshekelo kgolo) – famolatofadiwa a sekisetswang gona molatoKgotla–tshekelo ya Tlamelo ya bana – kgotla–tshekelo nngwe le nngwe ya bana, e ka reetsadikgetse tsa tlamelo ya banaLNPA_NPA_A5_BROCHURE.indd 28-296/11/08 2:14:31 PM


Kgotla–tshekelo ya Tlhalo – kwa batho ba ka yang gone gore dikgetse ba bona ba tlhalano direediwe ka boonako le gona ka tlhwatlhwa e e kwa tlareKomisinara wa maikano – motho yo afidaviti e ka ikanisiwang fa pele ga gagwe – Lepodisi, banoli,motsamaisi wa poso, batsamaisi ba dibankaKwa ntle ga molao – kgatlhanong le molao; go tlola molaoLefelo la go tlhabolola motho – mofuta wa kgolegelo ya bana ba ba leng ka fa tlase ga tlhokomeloya batsadiLekgotla la Thuso ya semolao – le neelana ka babueledi le maele mo bathing ba megolo e e kwatlaseLekwalo la tatofatso – pampiri kwa kgotla–tshekelo ya Magiseterata e e kwadileng ditatofatsotsotlhe tse motho a latofatswang ka tsonaLekwalo la tetlalelo – lekwalo le le ntshiwang ke moreetsamolato wa molato (kgtsa ka dinakodingwe ke lepodisi la maemo a boleitenante kgotsa a a kwa godingwana) le le nayang tetla ya dilodi tshwana le go tshwana, go phuruphutha kgotsa go fudisaLepodisi la fa kgotla–tshekelo – o bona gore go na le taolo fa kgotla–tshekeloLetlha la go boa – letha le motho yo o dirileng kopo ya sengwe kwa kgotla–tshekelo a tshwanetsenggo boa gape go tla go utlwa tshweetse ya kgotla–tshekelo: seno se bidisa “rulenisi” ka SeLatiniMabaka a go kopa katlhalo e nnye – mabaka a a tlhagisiwang gore ke ka ntlha ya eng motho yo obonweng molato a tshwanetse go newa klatlholo e nnye , e e bonoloMaemo a semolao a motho – bokgoni go ya ka molao, jwa go tsaya kgato ya semolao kgotsa gotseelwa kgato ya semolaoMagatwe – fa ditatofatso di ise di supiwe go nna nnete kwa kgotla–tshekeloMmueledi wa semolao yo o dirang ka makwalo a semolao – mmueledi wa semolao yo o dirangfela ka go netefatsa dipampiri tsa semolaoMmueledi wa setšhaba – babueledi ba semolao ba ba thapilweng ke puso ba tiro ya bona leng goemela batho ba ba se nang madi a go duela babueledi ba semolao mo dikgetse tsa bosinyiMo sephiring – tsheko e go sa letlelelwang batho go nna teng go e reetsaModiri wa kgotla–tshekelo yo o baakanyatsang kgetse tsheko – ke batho ba thapilweng modikgotla–tshekelo dingwe go ema nokeng kgotsa go thusa dipakiMoemedi wa semolao – leina la kakaretso la motho yo o nang le dithuto tsa molao; mmueledi wasemolaoMoitseanpe/paki ya moitseanape – mongwe yo o nang le kitso e e itlhaotseng ka ga sengwe yo abiletswang kwa kgotla–tshekelo go neelana ka bopaki ka sonaMolao wa Aforika wa Setso – melao ya setso ya SeAforikaMoromiwa wa kgotla–tshekelo – modiri wa kwa kgotla–tshekelo yo o tsamaisang dipampiri tsakgotla–tshekelo ya MagisiterataMosireletsi wa setšhaba – motho yo o tswang mo setšhabeng yo o thapilweng ke puso go batlisisadingongorego tsa ditiro tsa bubodu le tse di seng ka fa molaong tse di dirwang ke badiredipusoMotlhatlhela kgetsi – motho yo o tlhatlhelang kgetse ya go duelwa madiMotlhokomedi – motho yo o nang le maikarabelo a semolao mo go ngwana fa batsadi ba se yoMotsereganyi – motho yo o nnang le motswasetlhabelo ka fa kamoreng nngwe (kamore ya setsaya–ditshwantsho) ka fa ntle ga kgotla–tshekelo mme a thusa batswasetlhabelo go tlhaloganya dipotsotse di botswang ka fa kgotla–tshekeloMotšhutšhisi wa melato e e riling – mongwe yo o katisitsweng go tšhutšhisa mo dikgetseng tse diriling, jaaka melato ya tsa thobalanoMotšhutšhisi wa tlamelo ya bana – motšhutšhisi yo a thepilweng go dira ka dikgetse tsa tlameloya bana felaMotšhutšhisi yo o emeleng puso – mongwe yo o latofatsang molatodiwa (o bitswa gopemotšhutšhisi kgotsa motšhutšhisi wa setšhabaNyalo (e e kwadisitsweng) – nyalo e e tshwaragantsweng ke magisiterata kgotsa moruti watumelo e e rilingNyalo (ya setso) – go nna mmogo kwa ntle ga go nyalana semolaoPaki ya puso – paki e e dirisiwang ke motšhutšhisi go supa gore molatofadiwa o molato katatofatso e a latofatswang ka yonaPatlisiso tsa morago ga leso – tlhatlhobo ya senyaka ya setopo go bona se se tlhodiseng lesoPatlisiso ya letseno – teko e e dirwang go ka tsaya tshweetso ya gore a mongwe ke mosokodigore a ka bona thuso ya semolao ya mmueledi wa semolao kgotsa ketleletso ya pusoPatlisiso ya se se tlhodileng leso la mongwe – patlisiso ya semolao go bona gore go na lemongwe yo o rweleng maikarabelo a leso la mongwe yo o sa tlhokafalang ka ntlha ya mabakaa tlhagoPhareiti ya go supa motho – fa o lekang go supa motho yo o dirileng molatoRasiti – pampiri e e supang gore o duetse madi kgotsa e o ka e dirisang fa o batla gore o busetswedilo tse di tserweng mo go wenaRekoto ya melato – melato e o kilweng wa bonwa molato mo go yona mo nakong e e fetilangSetatamente sa go dumela molato se se dirilweng fa pele ga Magisiterata – go dumelagore o dirile molatoSetatamente sa motswasetlhabelo se se nang le tshusumetso – setatamente sa molomokgotsa se se kwadilweng ke motswasetlhabelo wa tlolomolao; se ka kwalwa gape ke mongwewa leloko la lelapa mo mabakeng a a akaretsang loso, kgotsa se ka dirwa ke mongwe yo e lengmoporofeshenale; se ka buisiwa ka fa kgotla–tshekeloSetatamente se se ikanisitsweng – sengwe se motho a se buang a bo a ikana, se e leng bopakijo bo tiileng kwa kgotla–tshekelo; se bitswa gape afidavitiTaelo ya kgotla-tshekelo – taelo ya semolao e e dirwang ke moreetsamolato wa molato a laelamongwe go dira kgotsa go tlogela go dira sengweTaelo e e thibelang motho go dira sengwe kgotsa go se dire sengwe – taelo ya kgotla–tshekelo go sireletsa mongwe kgotsa go gapeletsa mongwe go dira sengweTagafara – lekwalo le le biletsang motho kwa kgotla–tshekelo go tla go sekisiwa ka ntlha ya gotlola molaoTatofatso ya tlolomolao – kgetse ya kgotla–tshekelo kgatlhanong le mongwe yo a dirilengmolatoTemo kgotsa go gololwa o lemosiwa sengwe – go gololwa kwa ntle ga go duela beili mme olemosiwa gore o tshwanetse go tla fa kgotla–tshekelo ka letlha le le rilingThuso ya semolao – thuso e puso e e neeleng mongwe yo o sa kgoneng go duela mmueledi wasemolaoTsala ya paki – motho kwa kgotla–tshekelo ya Magisiterata yo o tlhalosetsang paki ditshwanelotsa yona mme a bo a duela madi a gagwe a sepalangwa mo mabakeng mangweTsala ya mogolegwa – Modiri wa kwa kgotla–tshekelo ya magiseterata yo o ka thusang ka dilodi tshwane le go bonwa ga madi go duela beili kgotsa faeneTsheko – fa go neelanwa ka bopaki kgatlhanong le molatofadiwa ka molato o a o dirilengTshimololo ya kgetse kwa kgotla–tshekelo – kgetse e e setseng e simolotse go reediwakwa kgotla–tshekelo; ka tlwaelo babega–dikgang (makwalodikgang kgotla thelebishene) babolelelwa gore go ka se keg a buisa ka kgetse gonne e setse e simolotse go reediwa kwa kgotla–tshekelo mme ga e ise e feleTshweetso – phitlhelelo e e tsewang ke kgotla–tshekelo ka ga sengweTsietso ka go bua maaka – tlolomolao ya go bua maaka o tsere maikano ka fa kgotla–tshekelomo setatamenteng se o ikanneng mo go sona30 31LNPA_NPA_A5_BROCHURE.indd 30-316/11/08 2:14:32 PM


Dinomoro tsa mogala tsedi mosolaDinomoro tsa molaodi waBotšhutšhisiMolaodi wa Botšhutšhisi karolo yaBophuthatswanaMogala: 018 381 9002Fekese: 018 381 9033Molaodi wa Botšhutšhisi karolo yaKapa BotshabaMogala: 046 602 3000Fekese: 041 502 1437DPP Karolo ya provense ya NatalaPietermaritzburgMogala: 033 845 4405Fekese: 033 394 6891Molaodi wa Botšhutšhisi karolo yaForeisetataMogala: 051 410 6000Fekese: 051 448 2671Molaodi wa Botšhutšhisi karolo ya TransekeiMogala: 047 501 2655Fekese: 047 501 2653Molaodi wa Botšhutšhisi karolo ya Porofenseya TeransefalaMogala: 012 351 6700Fekese: 012 321 8176Molaodi wa Botšhutšhis karolo ya Kapa BphirimaMogala: 021 487 7000Fekese: 021 424 7825Molaodi wa Botšhutšhisi WitwatersrandMogala: 011 220 4122Fekese: 011 333 0402Lekgotla la Thuso ya SemolaoLe neelana ka babueledi ba semolao mobathong ba ba amogelang megolo e mengweMogala: 086 1053 425/011 877 2000Mosireletsi wa setšhabaO sekaseka dingongorego tsa setšhabakgatlhanong le mekgatlho ya pusokgotla badiredipusoMogala: 0800 112 040Mogala wa kgokaganyo ya sepodisi wa gobega go thibela bosinyiGo bega dinokwane kgotsa ditiro tsabonokwane Mogala: 08600 10111Nomoro ya mogala ya tshoganyetso yasepodisiFa o leletsa mapodisi ka tshoganyetsoMogala: 10111Mogala wa sepodisi wa Basadi ba baSotlakiwangMogala wa sepodisi o o dirisiwang ke basadiba ba sotlakilweng ka tirisodikgoka kgotsa kasetlhogo Mogala: 0800 150 150Lefelo la tlhokomelo la ThuthuzelaKapa BotlhabaSepetlele sa St BarnabasLibode, Umtata Mogala: 047 568 6274Sepetlele sa Cecilia MakiwaneMdansane, East LondonMogala: 043 761 2023GautengSepetlele sa Mamelodi Mogala: 012 801 2717Sepetlele sa NatalspruitMogala: 011 9091002/3/6/9Sepetlele sa Chris Hani Baragwanath, SowetoMogala: 011 933 1229/3346KwaZulu-NatalSepetlele saPrince MshigeniUmlazi Mogala: 031 907 8496Lefelo la maemo a tshoganyetso la kwaPhoenixSepetlele sa Mahatma GhandiDurban Mogala: 031 502 2338Bokone-BophirimaSepetlele sa Mafikeng Mogala: 018 383 7000Kopa-BokoneSepetlele sa KimberlyGaleshewe Mogala: 053 830 8900Kapa-BophirimaSepetlele sa GF Joeste, MannenbergMogala: 021 691 6194Fa o sa kgotsofala kamokgwa o bothata jwa gagobo rarabololwang ka teng,ikgolaganye le bathoba ba latelang...Dingongorego mabapi le kgotla-tshekelo epotlana di ka lebisiwa kwa go Motšhutšhisimogolwane wa kgotla-tshekelo eo ka lekwalo.Fa o sa kgotsofalele dipoelo tsa ngongorego yagago, kgotsa fa ngongorego ya gago e le mabapi lemotšhutšhisimogolwane, o ka fetisetsa ngongoregoya gago kwa go motšhutšhisi-mogolo wa tikologoeo. Fa karabo ya gagwe e sa go kgotsofatse, oka fetela kwa go molaodi wa Botšhutšhisi yo ookameng kgotla-tshekelo ya tikologo eo. O kopiwago neelana ka ngongorego ya gago ka lekwalomme o kwadile nomoro ya kgetse le nomoro ya dokeke mo go yona.Fa o kwadile le leina la molatofadiwa mmogo le letlha la bofelo la gotlhagelela kwa kgotla-tshekelo, seo se ka thusa Lekgotla la Bosetšhaba laBatšhutšhisi go rarabolola bothata joo ka bonako. Lekgotla la Bosetšhabala Botšhutšhisi le leka go rarabolola dingongorego tsotlhe ka bonako jo bokgonagalang.Go bona tshedimiso e ntsi, e ya kwa go www.npa.gov.za kgotsa leletsaLekgotla la Bosetšhaba la Botšhutšhisi mo go 012 845 6000 go bonadinomoro tsa mogala tse o di batlang le diaterese.Porograma ya Ipaakanyetso ya kgotla-tshekeloPorograma ya ipaakanyetso ya kgotla-tshekelo ke porograma ya gobaakanyetsa le go naya paki tshegetso gore e tle e neelane ka bopakikwa kgotla-tshekelo. Tirelo eno ga go neelwane ka yona mo dikgotlatshekelotsotlhe. Go itse gore tirelo eno e teng kwa kgotla-tshekeloe o yang go paka kwa go yona, ka kopo leletsa motšhutšhisimogolwanewa tikologo eo.kantorokgolo ya lekgotla la Bosetshaba la Botshutshisi: 012 845 6000LNPA_NPA_A5_BROCHURE.indd 32-336/11/08 2:14:35 PM

Hooray! Your file is uploaded and ready to be published.

Saved successfully!

Ooh no, something went wrong!