07.01.2015 Views

Shihweta sha Shikati Kamanakao 1 Bagaetsho, ke leboga thata go ...

Shihweta sha Shikati Kamanakao 1 Bagaetsho, ke leboga thata go ...

Shihweta sha Shikati Kamanakao 1 Bagaetsho, ke leboga thata go ...

SHOW MORE
SHOW LESS

Create successful ePaper yourself

Turn your PDF publications into a flip-book with our unique Google optimized e-Paper software.

1

Shihweta sha Shikati Kamanakao 1

Kayambeyu 9-, 1999. Nokaneng

Kukazimazuwa 20,2000. Tsau

Nitishire Watshara!

Bagaetsho, ke leboga thata go tla go le bona.

Ke ntse ke le nyoretswe. Ka jalo, Ke itumela

thata ha Modimo ore pepetleditse go hithela

re kopana. Ke tsile go le bona, gore le lona

le mpone lo nkitse. Ke amogetse melaetsa

ele mentsi e e reng batho ba batla go go

bona. Go ne go se yo mo go nna go tsamaya

le metse, mme melaetsa e, ka utlwa e

nkama maikutlo, e ntshupegetsa ha Bayeyi

jaanong ele batho ba ba ikitseng, ba ba

itotang ebile ba ithata, ka ke fa ba supa

keletso ya go bona kgosi ya bone. Selo se ke

selo se se tona thata, ka gore kgosi ke kgosi

ka batho. Ha batho ba sa go batle, le ha

goromente a ka go duela madi a a kae, gao

kgosi.

Mo godimo ha go le bona, nna le ba lekoko

lame re tsile go le lekodisa gore bogosi jwa

lona bo tsamaya fa kae. Leina la kgosi le ne

la isiwa ko go goromente ke mmueledi wa

rona. Mme goromente a hetola gore re supe

molao o re batlang a amogela kgosi ya rona

ka one. Mme ka re itse gore o batla selo se a

se itseng, ebong section 3 le 15 ya molao

motheo, ra bona gore ke madiadie fela. Ka

jalo ra isa kgang kwa kgotla tshekelong jaaka

fa lo setse lo itse. Ke gone hela ko re ka

hetang ra bolela melao e o teng. Mo nakong

1

2

eno, goromente o leka go batla bosupi jo bo

ka ganetsang jwa rona. Gongwe lo setse lo

utlwile ka phuthego ya dikgosi e e neng ya

tshwarwa ka September ele 29 th ko Maun.

Mo phuthegong e, go ne ga tlhophiwa

Batawana ba ba ka bolelang ditso tsa bone le

Bayeyi. Erile Ka October 2, batho bao ba

tshwanetse go bo ba rotse bosupi jo fa pele

ga ba ofisi ya ga Ramelao megolo. Ditso tse

ba tshwanetseng go di tlhalosa ke gore: 1)

ha ele Bayeyi le Batawana go tsile bo mang

pele mo lehatsheng le, 2) A bolata jo ba

Bayeyi ba reng ba ne ba tshelela mo go jone,

a ke boammaaruri, 3) Batawana ba

kgathanong le Bogosi jwa Bayeyi ka mabaka

a fe.

Ditlhaloso tsa bone re tla di utlwa ko kgotla

tshekelong. Tsheko ene e tshwanetse go

bidiwa mo lekgotleng ka October 5, mme ka

ba ne ba sena bosupi, ba kopile gore tsheko

e busediwe ko morago – letsatsi ga le ise le

bewe. Ke lo kopa gonna pelotelele, tsamaiso

ya lekgotla e bonya, ka mabaka a gore

ditsheko di dintsi, go heta basekisi.

Jaanong ka nako ene eba siile ba ise ba ise

bosupi jwa bone, ba dirile gore ba tsenye

kgetsinyana e e tla diyang, ka gore ha ba sa

dire jalo, re ka bo re setse re filwe kgetse

gotwe bone ba tlhokile bosupi. Go itsa se, ba

tsentse kgetsinyana, bare ga re a tshwanela

go tsenya dimpampiri tse palamente e

2

3

buileng mo go tsone gore molao motheo o a

kgetholola, o baakangwe, le tse dingwe

dingongorego. Ke yone e ba tla e sekang.

Moathodi o tla athola kgetsinyane e, ka

kgwedi ya Morula. Ka jalo, lo se tshwenyegi,

fa akare re ntshe dimpampiri tseo, ke gone

re tla di ntshang. Re ganne go di ntsha, ka

ele tsone lerumo la rona le le tona, ke sone

se ba letshabang. Ga re batle go bolelelwa

ke batho ba re ba hulang gore re hule ka efe

thobolo re lese efe.

Re na le mmueledi, ke ene yoo baakantseng

kgang ya rona a ba a isa lekgotla tshekelong.

Mme mmueledi are re lo bolelele dilo

dingwe tse a tla di tlhokang. O batla main a

Bayeyi. Ka jalo, ke rutloetsa Moyeyi mongwe

le mongwe yoo ratang gore a ikwadise. Go

botlhokwa gore Moatlhodi a bone gore ga go

seke morafe oo seyong, kgotsa o go setseng

batho ba le lesome hela. Ka jalo, fela ha

leina la gago le kwadilwe o tla bo o nnile le

seabe se setona mo tirong e. Ha ona le one

pula, kana bokae hela jo Modimo orile o

thuse ka jone re tla bo lebogela. Mme le fa o

sena madi, leina le le teng, o tla bo o lo le

ntwa ya kgololesego ya Bayeyi. Le

dikokomani tsa gago di tla itse ha o nnile le

seabe mo tirong ee molemo e. Ke rata go

gatelela selo. Go botlhokwa thata gore re

bontshe lekgotla gore re teng.

3

4

Mma ke tseye sebaka se, ke leboge botlhe

ba ba setseng ba ikwadile, le ba ba setseng

ba ntshitse bonnyenyane jwa bone. Metse

ele mentsi e setse e ikwadile ebile, e setse e

kile ya ntsha dithuso, mme di ntse di

tsweletse dia tsena. Se ke sesupo sa gore

Bayeyi ba a rata. Ka jalo le rona re nonoha

mmoko gore re seka ra lo tlhabisa ditlhong.

Batho bangwe ka bonosi bantsi ba a ntsha.

Rre Mpho o setse a ntshitse P500.00.

Ngwana wa lona Mma-Ramahobo o setse a

ntshitse P2000.00. A ke maina a ke a

inotseng ele dikae hela. Ba le bantsi ba

tsweletse ba ntsha.

Ke rata go leboga Moyeyi mongwe le

mongwe tota, ka gore tiro e Bayeyi ba e

dirileng ga e ise e dirwe ke morafi ope. Pego

ya kgosi ya Bayeyi ke tiro e tona mo

kgatelopeleng ya gore Bayeyi e nne morafe

o o nonofileng, o itsiwe jaaka merafe e

mengwe. Se ke selo sa ntlha se setona se lo

se dirileng lo le Bayeyi. Selo sa bobedi, ke

gore erile lo sena go pega kgosi, lwa nna

seopo sengwe, lwa nna ngata ya dikgong go

hitha mo nakong e. Selo se, ke yone

konokono ya boleng jwa rona le katego ya

tiro ya rona. Ke lo akgola go menagane ha

pele ha Modimo. Lo ithokomolositse

magatwe le matshosetsi otlhe, lo thamaletse

le tsela e lo dumelang e tla lo isa phenyong.

Mme jaaka lo itse gore ha o tsamaya o itse

tsela ya ko o yang teng, o a goroga, mme re

4

5

tla goroga. Kgang ya rona e tlhamaletse, re

seka kgetololo. Melao ya mafatshefatshe ga

e batle lefatshe lepe le nna le melao e e

kgethololang batho. Lekgotla le tla re

reetsa. Ke lebogela dithapelo tsa lona, ke

tsone hela tse dire bulelang ditsela.

Tswelelang hela jalo, lo rapeleng badimo ba

rona, ba tla re utlwa.

Ke rata go lo rotloetsa go sala lo gasa

molaetsa wa gore, lo le Bayeyi lo batla eng.

Selo sa ntlha, lo batla go nna morafe o o

itsiweng, o o tlotlegang jaaka merafe e

mengwe. E seng gore o le Moyeyi o direla

puso go bo gotwe ga o a tshwanela go bidiwa

Moyeyi, 0 Motawana. Se se maswe ka go nna

Moyeyi ke eng Se se ntle ka go nna

Motawana keng Fa pele ga Modimo o o re

dirileng re lekalekana hela, mme le molao

wa mafatshefatshe o a rialo. Jaanong se se

dirahalang ke gore ha Moyeyi a huma gatwe

ga se Moyeyi ke Motawana. Fa moyeyi a

rutega, ga se Moyeyi ke Motawana, ebile o o

nna kgathanong le ditshwanelo tsa Bayeyi.

Selo se, se re nyenyafaditse thata re le

Morafe wa Bayeyi.

Ke rata go bua le lona ka mosola wa go

tlhopha. Thopho ke tshwanelo ya motho

mongwe le mongwe, ka jalo ga re molato go

bua ka yone le fa re se mokgatho wa

sepolotiki. Bagaetsho, go tlhopha ke go

5

6

iterela bokamoso. Kgang kgolo mo go

tlhopheng ke gore o ipotse gore o tlhopha

motho yoo ntseng jang. A o tla buelela

ditshwanelo tsa gago, kana ke yoo tla reng o

sena go mo tlhopha, abo aya go buelela

dikeletso tsa ba a ba totang, mme a gataka

tsa gago. Se ke yone konokono ya go

tlhopha. Ga kere lo tlhophe phathi efe, moo

go itse lona, mme ka re tlhopha batho ba ba

totang dikeletso le ditshwanelo tsa lona. Fa

motho a sa tote teme ya gago, le ngwao ya

gago, gaa go tote, ka jalo, ga o a tshwanela

go mo tlhopha. Kana ene o emetse tlhopho

ya gago fela gore e mo ise ko dijong, a bo a

lebetse ka wena. Otla go gakologelwa

morago ga dingwaga tse thano, a tla are o

mo thophe gape. Wena o yoo tlhophang, ene

ke yo o jang, a sena sepe le ditshwanelo tsa

gago. Ke lo kopa gore lo thophe batho ba

dipelo kgale, ba ba sa kakeng balo tshabela

mo mathateng, ba ba tlhamaletseng go batla

se lona batlhophi lo se batlang.

Go na le bagarona ba ba timetseng, ba ba sa

tlhaloganyeng se se dirwang. Molaetsa wame

mo go lona ke gore, nna pelotelele mo go

bone. Se ba feleleng pelo. Re ntse mo

bolateng dingwaga dile 150, mme re setse re

bo tlwaetse, gare itse gore kgololesego ke

eng. Ka jalo, go tla re tsaya tse dingwe

dingwaga dile 150 gore mongwe le mongwe

wa rona a gololesege mo tlhaloganyong ya ya

bolata. Selo se setona ke thuto, gore lo ba

6

7

tsenye mo tseleng ka ditlhaloso tse di

lolameng, lo wetse maikutlo ebile lo le

pelotlhomogi mogo bone.

Ke rata gape gore ke lo kgotlatse go sala

morago mananeo a Mokgatho mogolo wa

rona wa Kamanakao. Ke rata go lo laletsa

lotlhe go nna le seabe mo ditirong tsa

mokgatho o. Mananeo a rona ke a go kwala

dibuka tsa Shiyeyi, go ranola dipina tsa

dikereke, go simolodisa sekolo sa bana le sa

bagolo sa Shiyeyi, le go tsosolosa ngwao ya

rona. Ngwaga le ngwaga re tla nna le

moletlo, o mogo one ditlhopha tsotlhe di tla

nna le seabe sa go supa ngwao ya rona gore

bana ba rona ba e bone ba e rate. Ba ba

fenyang ba tla fiwa dikgele. Ke lo kgotlatsa

gore lo simolole go ipaakanyetsa modiro o, o

o tla nnang ka kgwedi ya Moranang ngwaga o

o tlang. Lefelo le tla bolelwa ke ba dikomiti

tsa metse ya lona.

Sa bofelo ke lo laela jaana ke re

gololesegang mo meweng, lo bolelele batho

gore se lo se batlang ke gore lo Bayeyi, le na

le kgosi, ke yone e lo batlang e lo emela kwa

ntlong ya dikgosi. Se, ga se molato ka gope.

Go tshwarwa, ga go yo, ntwa le yone ga e

yo. Tshwarang thata ka thapelo, mme

keletso ya lona e tla dirafala.

Pula !!!!!

7

8

8

Hooray! Your file is uploaded and ready to be published.

Saved successfully!

Ooh no, something went wrong!