19.05.2013 Views

BOKAMOSO JA ITSHOLELO - Government of Botswana

BOKAMOSO JA ITSHOLELO - Government of Botswana

BOKAMOSO JA ITSHOLELO - Government of Botswana

SHOW MORE
SHOW LESS

Create successful ePaper yourself

Turn your PDF publications into a flip-book with our unique Google optimized e-Paper software.

121. Ditiro di le dintsi di a dirwa go tswakanya bojanala re ntse re

tshwaraganye le batho. Di akaretsa go tlhabololwa ga mafelo a a jaaka

Moremi Gorge le mafelo mangwe a ditso kwa Lepokole. Tiro ya bojanala

ya go rua dikammela kwa Tsabong le lefelo la itloso bodutu le motse wa

setso kwa Kasane. Go setse go dirilwe ditsela tse di yang kwa mafelong a

a nang dilo tsa ditso di ka nna lekgolo, fa paakanyo ya ditsela, mafelo a go

lalwang mo go one le matshwao a a kaelang bajanala a weditswe kwa

mafelong a a farologanyeng. Mo godimo ga moo, mafelo a ditso a le 10 a

ne a tsenngwa mo bukeng ya puso ya matlotlo a setshaba ka Phukwi

ngwaga ono. Maiteko a go rotloetsa tlhabololo ya tsa bojanala kwa

mafelong a a gaufi le matamo le kwa dikgageng tsa Qcwihaba di

tsweletse. Ke itumelela gape go bolela gore thulaganyo ya Botswana Eco-

Certification system, e e rotloetsang bojanala jo bo sa senyeng tikologo

gape e neela banni ba metse seabe, e amogetswe ka maatlametlo ke

botlhe.

122. Batho ka bontsi ba beeletsa mo kgwebong ya bojanala. Dipalo di

supa gore ka Seetebosigo 2012, go ne go na le mafelo a le 764 a a

neetsweng diteseletso tsa go gweba ka bojanala. Fa ba le 406 mo go

bone e le Batswana, mme seo se supa koketsego ya 45 go tswa mo

ngwageng o o fetileng. Dikgwebo tseo, di le 141 ke tse di tlhakanetsweng

fa di le 217 e le tsa ba bangwe. Go ntse go tsweletswe ka maiteko a go

tokafatsa matshelo a beng gae le gore ba nne le seabe. Go rekisiwa ga

mekgabisa e e dirwang mono kwa mafelong a bojanala le ka boranyane

jwa inthanete go a rotloediwa e le bontlha bongwe jwa thulaganyo ya

EDD.

123. E re le fa re tswakanya bojanala re lebogela gore diphologolo tsa

rona le dinaga tsa rona di santse e le jone konokono mo go okeng

bajanala ba mafatshefatshe. Tsamaiso le tlhokomelo ya mafelo a

diphologolo, go tlhomamisa gore ga di kgothege fa ka ntlha e nngwe re

fokotsa kgotlhakgotlhano le batho, legale e santse e le kgwetlho. Maiteko

a go fedisa kgothakgothano eo a akaretsa go epa didiba kwa mafelo a a

sireleditsweng, go ruta balemi barui ka fa ba ka tshelang le diphologolo

tsa naga ka teng le go phimola dikeledi ba ba senyeditsweng ke

diphologolo tsa naga. Ditshekatsheko tsa paka ya komelelo di tsweletse

mo lefatsheng leno go kgobokanya dikitsiso ka seemo le dipalo tsa

diphologolo tsa rona.

124. Kgwetlho e nngwe gape ke go oketsega ga bogodu jwa diphologolo

bo dirwa ke batho ba ba tswang kwa mafatsheng a mangwe, le go utswa

dibatana tse di tshelang, tse jaanong re tlaa simololang go itebaganya le

jone. Gape re tsere tshwetso ya go emisa letsomo go simologa ka 2014

ka jaana go tsomela monate fela go sa kake ga re kgontsha go somarela

diphologolo tse di tshwanetseng go tsewa e le matlotlo e seng sepe gape.

Hooray! Your file is uploaded and ready to be published.

Saved successfully!

Ooh no, something went wrong!