19.05.2013 Views

BOKAMOSO JA ITSHOLELO - Government of Botswana

BOKAMOSO JA ITSHOLELO - Government of Botswana

BOKAMOSO JA ITSHOLELO - Government of Botswana

SHOW MORE
SHOW LESS

Create successful ePaper yourself

Turn your PDF publications into a flip-book with our unique Google optimized e-Paper software.

lenaneo la dithuso tsa bomme, le go dirisitsweng P14.8million mo go lone

mo bathong ba le sekete, makgolo mabedi le masome a mabedi fa ba ne

ba itshimololela ditiro tse di ka ba direlang madi. Mo go one madi a go na

le dithuso tsa batho ba ba tshelang le bogole. Re tsweletse gape ka go

senkela bomme mebaraka mo gae, mo kgaolong ya borwa jwa Afrika le

kwa mafatsheng a mangwe. Ke gone ka moo lekgotla la Women’s

Exposition and Business Forum le neng la tshwara phuthego ka

Seetebosigo monongwaga.

57. Go ne ga rebolwa P530million mo ngwageng ono wa madi go thusa

batho ba ba sa berekeng ka lenaneo la Ipelegeng le gape le thusang go

baakanya dithoto tsa puso, go phepafatsa tikologo le twantsho borukutlhi.

Go simologa ka Moranang go fitlha ka Phalane 2012, batho ba ba setseng

ba thusitswe ke Ipelegeng ba 289 595 mme mo go bone ba le 212 079 ke

bomme, fa ba le 77 516 e ne e le borre. Palo ya batho ba ba thusiwang ka

Ipelegeng e ne ya gola go tswa mo go dikete tse di masome matlhano go

nna dikete tse di masome matlhano le botlhano monongwaga. E re le fa

baganetsi le basotli bone ba ntse ba le teng, dithuso tsa Ipelegeng di

amogetswe sentle ke setshaba. Ka Phatwe, madi a a thusang batho ka

bongwe ka bongwe a ne a okediwa.

58. Re setse re weditse kanoko e e ikemetseng ya Ipelegeng, e e supang

gore lenaneo le tokafatsa matshelo a batho ba ba tsenang mo go lone.

Dintlha kgolo tse di tshwanetseng go dirwa tse di tswang mo dipatlisisong

tsa re lenaneo leo le tshwanetse la lomaganngwa le mananeo a mangwe

a nyeletso lehuma, go bereka dioura tse di ka neelang babereki sebaka sa

go dira ditiro tse dingwe le go tokafatsa go neela le go reka dilwana tse di

dirisiwang kwa Ipelegeng.

59. Go fiwa dithata tsa itsholelo ga batho ba metsana e e kgakala le

ditlhabololo ke konokono ya go aga tshaba e e kgaoganang meamuso ya

lefatshe ka tekatekanyo. Ka tsela e e ntseng jalo, re na le thulaganyo ya

dingwaga tse some ya go akaretsa mongwe le mongwe mo go akoleng

meamuso ya lefatshe. Thulaganyo ya go nna jalo e eteletswe pele ke

molomaganyi wa maemo a a lekanang le mokwaledi wa lephata la puso

mme a ntse a engwe nokeng ke komiti ya maphata a puso.

Jaaka e le bontlha bongwe jwa dithuso, banana ba metse e ba tlaa

tswelela ka go bona dithuso le kaedi go thusa itsholelo ya bone, go ithusa

mo sekoleng le go bona ditiro. Seo se dirile gore banana ba metse e e

kgakala le ditlamelo ba le makgolo mabedi, masome a mane le bobedi le

ba bangwe ba ba itlhaelang ba nne le sebaka sa go ikoketsa dithuto kwa

dikoleng tse dikgolwane fa ba le lekgolo, masome a mane le boraro le ba

bangwe ba le makgolo marataro le masome a matlhano ba thusiwa go

bona ditiro. Banana ba bangwe gape ba le sekete, makgolo a marataro,

lesome le bobedi ba thusitswe ka lenaneo la go ithuta ka tlhaeletsanyo.

Hooray! Your file is uploaded and ready to be published.

Saved successfully!

Ooh no, something went wrong!