19.05.2013 Views

BOKAMOSO JA ITSHOLELO - Government of Botswana

BOKAMOSO JA ITSHOLELO - Government of Botswana

BOKAMOSO JA ITSHOLELO - Government of Botswana

SHOW MORE
SHOW LESS

You also want an ePaper? Increase the reach of your titles

YUMPU automatically turns print PDFs into web optimized ePapers that Google loves.

Molaetsa wa ga tautona Lt Gen. Seretse Khama Ian Khama ka seemo sa

setshaba kwa phuthegong ya bone ya Palamente ya bolesome

MATSENO

1. Motsamaisa dipuisanyo tsa Palamente, ke itumelela sebaka se, sa go

itsese setshaba gore re tsamaya fa kae mo leetong le leleele le la go

tlhabolola matshelo a Batswana. Mma pele ke amogele mopalamente wa

Mahalapye bophirima yo mosha, Rre Bernard Bolele.

2. Ditlhopho tsa bosheng di bakilwe ke gore mothusa Tautona wa pele e bile

e le moeteledipele wa yone ntlo e, Lt Gen. Mompati Merafhe, o ne a ithola

tiro. Ke mongwe wa mabutswapele a lefatshe leno. Tiro ya puso e a e

dirileng mo dingwageng tse di masome a matlhano, e supa fa tota a le

rata, a ka le swela.

3. Mo letsatsing le, ke motlotlo go lo begela gore tema ya rona e a supega

ka go na le tse re di weditseng, le fa gone re sa ntse re le kgakala le go

goroga. Go mo maruding a rona gore re tlhabolole lefatshe leno, re

ipaakanyetse bokamoso le bana ba rona.

4. Tsela ya go baakanya bokamoso jwa lefatshe leno e supega sentle mo

ditebelopeleng tsa rona le mokwalo wa ditogamaano wa bolesome, o o

tshegeditsweng ke mananeo a a farologanyeng a go tswakanya itsholelo,

go nyeletsa lehuma le go neela beng gae dithata, re akaretsa le banana.

5. Tiragatso ya maitlamo a rona a go ntsha maduo e tshegeditswe ke

matshego a matlhano, a maikaelelo a one e leng go tsholetsa serodumo

sa Batswana botlhe. Maitlamo a, a ka rurifadiwa fa go ka gatelelwa meono

ya go godisa itsholelo le go aga setho sa rona, e seng fela go bega

tlhabologo ka go supa dikago, ditlamelo le ditsela. Se se

botlhokwatlhokwa ke go tlhabolola bodiredi jwa rona le go tsholetsa

seemo sa botshelo, ke ka moo re gateletseng thata mo nyeletsong

lehuma le go tlhabolola matshelo a banana.

6. Ditlhabololo tse di remeletseng mo bathong, di tshwanetse go gogwa kwa

pele ke batho. Ka ntlha ya lebaka le, puso ya rona ga e a leba fela

tsamaiso ya ditlhopho, e remeletse mo go rerisaneng le setshaba nako le

nako. Fa e sale ka kgwedi ya Moranang, re setse re epile dipitso di feta

masome a matlhano mo dikgotleng, tse ka tsone re kgonneng go

itebaganya le mathata a setshaba ka kakaretso. Mo godimo ga moo, re

itshwaragantse le setshaba ka maranyane a a farologanyeng go neelana

kitso le tlhaeletsanyo jaaka a inthanete le go dirisa megala e e sa

duelelweng. Se se supa fa therisanyo e le konokono mo pusong ya rona.

7. Go supa gore tota puso ya rona e ikgateletse mo go godiseng serodumo

sa setshaba, re tlhabolotse matshelo a ba ba tlhokang tlhokomelo e e

ileng jaaka ba-na-le-bogole, masiela le dikhutsana, ba ba lwalang

malwetse a a borai le ba ba tlhokileng lesego. Re itebagantse le go

tlhabolola matshelo a ba ba nnang kwa dikgaolong fela thata, bogolo jang

ba dikgaolo tse di kgakala le ditlamelo.

8. Rotlhe re a itse gore boikgapho bo botlhokwa thata go lwantsheng

mathata a re lebaganyeng nao jaaka go anama ga mogare wa HIV,

ditlamorago tsa go nwa bojalwa phetelela le go dirisa ditagi tse dingwe,

borukutlhi, tshenyetso setshaba le go tlhoka tshwaragano mo malwapeng

le mo merafeng ka kakaretso.

9. Jaaka fa re itshegeditse ka matshego a matlhano, re ikaeletse go

tlhabolola itsholelo ya tshaba ya rona, re bolae lehuma. Babusi ba pele ba

buile, le nna ke sa ntse gatelela gore ga re ka ke ra atlega mo go nneng

tshaba e e tsweletseng pele fa rotlhe Batswana re sa tsenye letsogo go

itima dilo dingwe gore re bone maduo a a bonalang mo isagong.

10. Ke a itse gore tshaba ya rona e na le tse e atlegileng mo go tsone, tse di

itseweng ke beng gae le ba mafatshe a sele. Re sa ntse re e melediwa

mathe ke baditshaba ka seemo sa boiketlo, ditshwanelo tsa setho, go

diragatsa molao, re akaretsa go sa beye tshenyetso setshaba sebete. Re

supile gore re ka kgona go le gontsi ka tse re di dirileng, mme e bile re sa

ntse re ka dira go feta fa.

11. Ke bua jaana ka ntlha ya gore baitse ba puo ba re katlego e tsalwa ke go

diragatsa maikaelelo. Ga re ka ke ra supa sepe sa bonala, fa re sa dire ka

natla mo ditirong. Re a itse gore palo ya rona e nnye mme re tshwanetse

go dira ka natla go itshupa gore re teng, re a kgona mo diemong tse di

thata tsa go itepatepanya le mafatshe a mangwe.

12. Go ntsha maduo mo tirong ga se fela go dira tiro e ntsi, ke go itebaganya

le tse di ka re busetsang maduo. Go kgona se, re tshwanetse go ititaya ka

thupana kwa ditirong le kwa malwapeng. Gore maitlamo a rona a atlege,

re tshwanetse gore itlame rotlhe go aga lefatshe leno, re beye maitlamo a

lone kwa pele.

GO NTSHA MADUO

13. Motsamaisa dipuisanyo, mo dingwageng tse di fetileng, re ntse re

ikgateletse mo go tlhabololeng ditirelo. Mo sebakeng se, seemo sa thusa

setshaba se tshwana le sa mafatshe a mangwe mo kgaolong ya borwa

mme maikaelelo ke go re re se tsholetse, se tshwane le sa

mafatshefatshe. Ka jalo re tsenya leitlho thata mo mekgweng ya go

sekaseka bodiredi, re itshwaragantse le ba dikhamphani tse di ikemetseng

ka lekgotla la Botswana Confederation of Commerce, Industry and

Manpower (BOCCIM).

14. Re kgonne le gone go tlhabolola bokgoni jwa bodiredi mo tirong, le go

leba gore re lemoge bokgoni bofe jo bo tlhaelang. Mo godimo ga go suga

badirela puso kwa Public Service College, re na le lefelo le go rutwang go

sekaseka ditema tse di segilweng, go thusa badirela puso go dirisa

mekgwa ya go itshekatsheka e mesha. Re tsweletse ka go amanya

ditirelo tsa rona le mekgwa ya go tsamaisa dikgwebo.

15. E rile fa re lemoga gore go sa thuse setshaba sentle go ka tsala

tshenyetso setshaba, re ne ra rulaganya gore lekgotla la twantsho

tshenyetso setshaba le dirisane thata le maphata a puso. Go na le

dikomiti tsa tshenyetso setshaba mo maphateng ka go farologana, go

thusa go fokotsa tshenyo.

16. Go lwantsha tshenyetso setshaba ga lefatshe leno go supa gore re

ikaeletse go direla mo pontsheng go lwantsha tshenyetso setshaba, ke ka

moo re lejwang re le lefatshe le le nang le tshenyetso e e kwa tlase ga

mafatshe otlhe mo Afrika. Ke itumelela gore seemo sa rona sa tshenyetso

setshaba se ntse se tokafala mo dingwageng tse pedi tse di fetileng.

17. Re leka ka bojotlhe go netefatsa gore boikgapho bo nna teng mo

ditirong, e bile re akgola ba ba dirang ka natla. E rile ka kgwedi ya

Seetebosigo, ra keteka letsatsi la bodirela puso, e le la ntlha. Mo go lone

letsatsi le leo, re ne ra neela badirela puso dietsele tsa go dira sentle. Re

tlaa tswelela re atolosa tsamaiso e ya rona.

18. Puso e itshwaragantse le dikhamphani tse di ikemetseng ka go

inaakanya le ba BOCCIM, go tsenya badirela puso mo makgotlaneng le

dikomiti mo maphateng a a farologanyeng, go neela setshaba ditirelo.

19. BOCCIM le puso ba tshwaraganye go thusa setshaba botoka, mo go

tlaa ntshang maduo a mantle. Maikaelelo a go tokafatsa go thusa

setshaba ke go ntsha dikgoreletsi tsa go godisa dikgwebo. Ka lebaka leo,

re kopile ba BOCCIM go re thusa go lebisisa gore go pala fa kae.

20. Mo maitekong a go tokafatsa go ntsha maduo, go tlhamilwe dikomiti di

le nne tse di okametseng ditlhotshwana tse di dirang mmogo mo

maphateng a puso. Lo tlaa gakologelwa gore ditlhotshwana tse di

tlhamilwe ka ngwaga wa 2008 ka maikaelelo a go tshwaraganya maphata

a puso le dikhamphani, go dira mmogo mo ditogamaanong le go

diragatseng maano. Go kopana mo go thusa thata go godisa mowa wa go

tsaya boikarabelo le go direla dilo mo pontsheng. Ditlhotshwana tse di

tlhametswe bogolo thata ditiro tse di mo mehameng ya itsholelo le go

tlhaba ditiro, puso, itshireletso le pabalesego, go tokafatsa matshelo a

batho le go tshelela mo thitibalong.

BOKAMOSO JWA ITSHOLELO

21.Seemo sa itsholelo ya mafatshe mo sephatlong sa ntlha sa ngwaga wa

2012 se ne se le letobo go na le jaaka go ne go ntse mo sephatlong sa

ntlha sa 2011. Mafatshe a a tlhabologileng a solofetse kgolo ya itsholelo

ka 1.3 mo lekgolong fela monongwaga, le 1.5 mo lekgolong ka 2013.

Ka jalo itsholelo ya lefatshe leno ga e solofetse go le kalo fa go lebilwe

gore e amana le ya mafatshefatshe. Re solofetse kgolo ya selekanyo sa

3.3 mo lekgolong ka 2012, le botlhano mo lekgolong ka 2013.

22.Go nna bonya ga itsholelo ya rona go bakwa bogolo jang ke

phokotsego ya kepo ya ditswammung. Kwa tshimologong ya 2012 kepo

ya ditswammung e ne e le boleng jwa 9.5 mo lekgolong, e le kwa tlase ya

ga ya tshimologo ya 2011, mme mo bofelong jwa ngwaga e ne e le 7.6 mo

lekgolong kwa tlase ga selekanyo sa nako e ngogola. Karolwana e e

setseng ya ngwaga le yone ga e solofetse botoka bope. Go ntse go le foo

mebaraka ya teemane e supile go koafala mo sephatlong sa ntlha sa

2012 ka theko e e boutsana le kwelo tlase ya ditlhwatlhwa. Theko e ne ya

ya tlase kwa mafatsheng a re rekisang kwa go one a Yuropa, China, India

le Amerika ka ntlha ya bonya jwa kgolo ya itsholelo ya one. Ponelopele ya

itsholelo ya ba IMF e e sa tswang go tswa e tlhagisa ka bokoa jo bo tlaa

tswelelang bo apere itsholelo ya mafatshe a a tlhabologileng le a itsholelo

e e fatlhogang.

23. Le fa go ntse jalo, mehama e le mentsi e e seng ya ditswammung e

ntse le kgolo e e nametsang mo lobakeng lono, ka mohama wa kago o

gola ka 19.7 mo lekgolong, wa ditlamelo, ka 11.2 mo lekgolong le ditirelo

tse digwe ka lesome mo lekgolong. Dipalo tse di kaya kgatelopele mo

maitekong a go tswakanya itsholelo. Le gale temo-thuo e nnile le poelo

morago e ke tlaa e tlhalosang moragonyana.

24. Tlhatlogo ya ditlhwatlhwa e fokotsegile jaaka e ne e le mo go bosupa

mo lekgolong mo pakeng ya Phukwi go tsena Lwetse monongwaga e

boile go tswa kwa selekanyong sa ngogola sa 8.5 mo lekgolong. Banka

kgolo ya setshaba e sweditse gore tlhatlogo ya ditlhwatlhwa e tlaa

tswelela e le kwa tlase ka 2012, fela e ntse e feta seelo se se neng se

ipeetswe ke banka kgolo sa 3.6 mo lekgolong.

25. Morago ga go tsamaisa itsholelo ka kabo ya madi e e tlhaelang go

tloga ka 2008/9 go fitlha 2011/12, segolobogolo ka ntata ya kwelo tlase ya

itsholelo ya mafatshe, puso e sweditse go lekalekanya kabo ya madi mo

ngwageng wa madi wa 2012/13. Kgato e e kaya go sireletsa itsholelo mo

go angweng ke dihawa tse di tswang kwa ntle, le go tila go wela mo

serung sa dikoloto. Re akanyetsa fa re tlaa nna le P1.15 billion yo o

salang mo kabong madi ya ngwaga ono wa madi. Seno ke maduo a

phokotsego ya tlhaelo ya kabo madi go tswa kwa bogolong jwa P 9.5

billion ka 2009/10 go tsena kwa selekanyong sa P 2.2 billion ka 2011/12.

26. Selekanyo sa sekoloto sa lefatshe leno se solofetswe go fokotsega go

se go nene kwa bokhutlong jwa ngwaga ono wa madi. Madi a lefatshe

leno le a bolokileng kwa ntle le one a fokotsegile go se kae go tloga mo go

P60.3 billion kwa bokhutlong jwa Morule ka 2011 go ya kwa go P59.8

billion kwa bokhutlong jwa Seetebosigo 2012. Le fa go ntse jalo, go tlaa

gogwa karolo nngwe mo mading a a bolokilweng kwa ntle, go duela

dikoloto tse di tserweng go duelela ditiro tse dikgolo mo nakong ya kwelo

tlase ya itsholelo.

27. Le fa go ntse jalo, jaaka Palamente e itse, tshekatsheko ya bogare jwa

lenaneo la ditlhabololo la bolesome e tsweletse. Go sale foo ke

tshwanetse ka supa gore fa go lebilwe go sa tlhomamisegeng mo go

tsweletseng ga maemo a itsholelo ya mafatshe, itsholelo ya mono gae le

madi a puso di a tshwenya. Maduo a ntlha a tebelopele ya seemo sa

madi go ya go tsena kwa go 2015/16 a supa gore dipoelo ga di na go nna

kalo, ka jalo go seke go nne le ditiro dipe tse disha mo karolong e e

setseng ya lenaneo la ditlhabololo la bolesome.

28. Mokwalo wa tshekatsheko ya bogare jwa paka ya lenaneo la

ditlhabololo la bolesome e e akaretsang tebelopele e ntsha ya itsholelo ya

mafatshe o tlaa neelwa mapalamente. Dipuisanyo ka diteng tsa mokwalo

o di tlaa tshwarwa tshimologo ya ngwaga o o tlang, morago ga go

sekaseka kabo ya madi ya 2013. E re ka go se na go nna le diphetogo tse

di kalo tsa tsamaiso le go bo go sa solofetse go nna le ditiro dipe tse disha

tse di kalo, dipuisanyo di ka nna tsa seka tsa tsaya lobaka lwa gale.

KABAKANYO YA ITSHOLELO

29. Motsamaisa dipuisanyo le fa go ne go sena kwelotlase ya itsholelo ya

mafatshe re ka bo re ntse re kopana le dikgwetlho jaaka re ntse re leka go

intsha mo go ikaegeng bobe ka madi a thekiso ya teemane. Kwa ntle ga

go tshwenngwa ke go ya godimo le tlase ga mebaraka, ntlha e nngwe

bontsintsi jwa rona bo ntse bo tshela ka pereko ya batho ba ba tsenang

mo seatleng, e le bone ba tsenyang itsholelo ba le nosi. Seemo seno ke

sone se dirileng gore maduo a tiro e nne a a kwa tlase.

30. Ke ka ntlha ya seo gore re bo jaanong re remeletse mo tlhabololong

ya batho. E re ntswa re amogela dikgwebo tse ditona go beeletsa mo

itsholelong ya rona, re dumela gore go tshwanetse ga tsewa dikgato tsa

go oketsa diphatlha tsa mebereko, le itsholelo, ka dikgwebo tse di nnye,

tse dif a gare le tse dikgolwane. Re ntse re le ka go dira jaana ka go re

puso e reke mo dikgwebong tsa ba ga rona e le bontlha bongwe jwa

tswakanyo itsholelo. Mo ngwageng ono wa madi theko ya dithoto le

ditirelo lenaneo la Tswakanyo itsholelo, e solofetswe go tshwara

selekanyo sa P 2.5 billion. Theko e oketsegile go tswa kwa go 1.9 billion

ka ngwaga wa 2011/12. Moono wa gore puso e reke mo dikgwebong tsa

Batswana ke bontlha bongwe jwa leano la tswakanyo itsholelo ka go

godisa dikgwebo tse di tlaa felelang di kgona kgaisanyo mo di tlaa bong di

sa tlhole di tlhoka go thusiwa ke puso.

31. Fa e sale go tlhongwa Khansele ya Setshaba ya Tswakanyo ya

Itsholelo, e setse e supile makalana mangwe a a tshwanetseng go lejwa

la ntlha ke lenaneo la tswakanyo itsholelo. Khansele e gape e rebotse

leano le le tlaa dirisiwang mo kgodisong ya madirelo a go suga matlalo.

Go ntse go le foo go tshwerwe go tlhokotsa maano a a leng teng a go

godisa madirelo a diaparo le a mashi a dikgomo. Go tokafaletsa dikgwebo

kwa pele re tsweletse ka go tokafatsa melawana ya tsamaiso, re tla re

rotloetsa thekiso dithoto kwa ntle ka ditumalano tsa papadi tse re di

saenetseng.

32. Ka ntata ya go bona lefatshe la Botswana le sa supe kgatelopele mo

ditshekatshekong tsa dikgwebo di le mmalwa, re tlhomile komiti ya

Palamente ya tsa kgwebo, le kgaisanyo le dikgwebo tsa mafatshe go

okamela tiro ya komiti ya tsa kgwebo ya setshaba. Dikomiti tsoo pedi di

filwe thata ya go lomaganya diphetogo tsa tokafatso. Fa godimo ga moo

Lephata la Tsa Phadisanyo le tshwere go rotloetsa phadisanyo e e

siameng, ka go tlhomamisa gore dikgwebo ga di bee ditlhwatlhwa tse e

seng tsa boammaaruri le go tsietsa. Ka ntlha ya dikgato tse re simolola go

bona tokafalo ya maemo a rona mo sekaleng sa dikgwebo tsa

mafatshefatshe.

33. Mo ngwageng wa 2011/12 re kwadisitse dipalo tse di kwa godimo go

feta nako tsotlhe tsa dipeeletso tsa kgwebo le khiro. Pulo ya dikgwebo tse

di tswang kwa ntle e tshwere selekanyo sa P 1.4 billion, fa mebereko

mesha e le 1583 e ne ya bulega mo dikgwebong tse disha. Fa godimo ga

moo pulo dikgwebo tsa mono gae le kgolo ya tsone e nnile ya boleng jwa

P415-million.

Dikgwebo tse disha di ne di akaretsa madirelo a ditshipi, temo-thuo,

meepo, bojanala, dikago, boranyane jwa dikitsiso, kgotetso, le go boeletsa

dilo mo tirisong. Go sale foo lekalana la tsa Dipeeletso tsa Kgwebo le

Papadi la tsa madirelo a lwa le go oka babeeletsi ba mafatshe a sele, a tla

gape a bapatsa dilwana tse di tswang mono gae.

34. Motsamaisa Dipuisanyo, puso e tsweletse ka go ema nokeng

mananeo a go nonotsha beng gae, ka mananeo a tshwana le la CEDA le

le setseng le thusitse dikgwebo tse disha di le 702 ka tlhwatlhwa ya P591

million, tse di tlhamileng mebereko e le 3 274. Palo e e tlatsa dikgwebo

tsa CEDA tsotlhe tse 4 759 tse di begilweng ngogola tse di butseng

diphatlha tsa tiro di le 30 thousand. Mo nakong eno lekalana la LEA le

PEREKO

setse le tlhatlheletse baithuti ba le mokawana mo go tsa kgwebo, mme

kwa bofelong le tlaa tlhama mebereko e le 3 2412.

35. Tirisano sentle mo mmerekong, ke konokono mo go tsiseng maduo a

a kwa godimo, ditirelo tse di tokafetseng le botshelo jo bo ritibetseng. Ka

jalo go tlhokega ka potlako go kaba makowa mo molaong le le makowa a

tsamaiso a a paledisang badiri le bahiri go ntsha maduo a a kgotsofatsang

botlhe. Puso ka mabaka ano e tshwere go dira dipaakanyo mo molaong

wa Dikgotlhang tsa mo madirelong, go thibosa dikgoreletsi tse di diyang

go rarabolola dikgotlhang. Re tshwere gape go rulaganya tsamaiso ya

lefatshe ya tsa boitekanelo le pabalesego mo tirong e e tlaa amanyang

tokafatso maduo le tokafatso ya mabaka a pereko.

36. Go itshupile gore molao wa bodirela puso wa 2008 o tlhoka go

lebelelwa gape. Go sale foo khansele ya therisanyo ya mhiri le mmereki e

simolotse tiro ka botlalo e bopilwe ka baemedi ba badiri ba fera bobedi le

baemedi ba mhiri ba fera bobedi. Khansele e ka jalo ke yone e rweleng

boikarabelo jwa go rerisana mabaka a pereko ya badirela puso. K e

itumelela gape gore ditherisanyo tsa dituelo di sa tswa go wediwa ka

tumalano ya kokeletso badirela puso ka boraro mo lekgolong go tloga

Phalane a tlhola letsatsi, ga mmogo le katso ya nakwana ya go namola

bangwe ba dituelo tsa C4 le ba ba kwa tlase bokete jwa kwelotlase ya

itsholelo. Seno ke sesupo sa maitlamo a puso mo botshelong jwa badirela

puso mo dinakong tseno tse di thata, fa mafatshe a a tlhabologileng

mangwe a tswaletse koketso dituelo.

37. Motsamaisa Dipuisanyo, kgatelopele ya setshaba sa rona e tswa

kgakala e ikaegile ka kagiso, tolamo le tsamaiso puso e e tlhamaletseng.

Matshego a ke one a tsamaelanang le ngwao ya rona ya kagisanyo e re

saleng re tshela ka yone le thitibalo e e melediwang mathe ke ditshaba tse

dingwe. Le fa gone re ntse re balelwa kwa godimo mo dikaleng tsa

mafatshe ga re a tshwanela go thuba kobo segole fela. E re jaaka lefatshe

leno le sa tswa go tlhatloga mo sekaleng sa mafatshe sa kagiso le sa go

kgona kgaisanyo gone borukutlhi bo senogile e santse e le bothata.

38. Ga go a lekana fela gore badiri ba rona ba tsa istshireletso, le dikgotla

ba ntse ba tshegeditse bokgabane jo ba itsegeng ka jone mo go direng

tiro, mme le bone ba tshwanetse ba itebaganya le dikgwetlho tse di nnang

di fetoga. Go ntse go le foo rotlhe re tshwanetse ra tlhaloganya gore go

tshegetsa kagisanyo ke boikarabelo jwa rona rotlhe.

39. Motsamaisa dipuisanyo, ka ngwaga wa 2011 melato ya Penal code e

ne ya fokotsega ka selekanyo sa 4%, fa melato ya borukutlhi jwa go

tlhasela batho, go thukutha le go thuba e ne ya fokotsega ka 9%. Go

fenya borukutlhi sepodisi se batlile leano le le akaretsang setshaba le se

leo tshwaraganelang gape le bana le seabe ba mono gae le ba mafatshe

a mangwe. Bontlha bongwe jwa leano le bo akaretsa sepodisi sa sephiri le

go akaretsa ba dikhansele le makgotlana a twantsho borukutlhi. Ba

mehama e e ikemetseng ka nosi le bone ba thusitse ka go tlhoma diofisi

tsa mapodisi tse di potlana.

40. Ke maswabi go bega gore dintsho tsa dikotsi tsa tsela di oketsegile ka

21.7% go tswa kwa palong ya 397 go ya kwa go 483 fa gare ga ngwaga

wa 2010 le 2011, e le poelo morago, morago ga go bega tokafalo ya

seemo go le pele. Go tokafatsa seemo gape go boloditswe letsholo la go

diragatsa ka botlalo leano la ipabalelo tseleng, le le akaretsang go thibela

bakgweetsi go nwa bojalwa ba kgweetsa, le go lalela ba ba ralalang

dipone tsa mosepele di tswetse.

Go tlaa simololwa gape tsamaiso ya go tseela bakgweetsi dintlha fa ba

dira melato ya tsela go thibela go boelela melato.

41. Mabapi le go kgweetsa go nolwe, dipego di supa fa go na le

phokotsego mo dikotsing tse di amanang le go iphetisa dino mo

dingwageng tsa bosheng. Se se tsamaelana le go fetola boitshwaro mo

go dirilweng ke ipapatso ya rona kgatlhanong le go nwa botlhaswa.

Kanoko e e dirilweng mo lekgethong la bojalwa e supile fa selekanyo sa

bojalwa se se nolweng ke Batswana mo dingwageng tse di lesome le

botlhano tse di fetileng le go feta di fokotsegile ka lesome le bobedi mo

lekgolong fa gare ga 2008 le 2011. Seemo se se amanngwa le lekgetho le

maiteko a mangwe a go fokotsa go nwa botlhaswa, go balelwa le go ruta

setshaba. Legale re lemogile fa go santse go tlhokega go dira go feta

jaaka go ema nokeng ba ba batlang go emisa mokgwa wa go iphetisa

dino.

42. Kwa ntle ga tiro ya go sireletsa kagiso, thokgamo le bosetshaba jwa

lefatshe la Botswana, sesole sa Botswana se tsweletse ka go thusa batho

ba e seng masole mo mehameng e mengwe jaaka fa go na le dibetso tsa

tlholego, twantsho borukutlhi, tlhabantsho ya bogodu jwa diphologolo, le

thuso mo taolong ya matlhoko a leruo. Monongwaga BDF e ne ya

tswelela ya dira ditumalano le mafatshe a mangwe tse di akaretsang go

rutuntsha masole le go tlhakanela ditiro dingwe tsa sesole le mafatshe

mangwe a kgaolo eno le a a kgakajana.

43. Mosuke kwa dikgolegelong o eme mo selekanyong sa 7.4 mo

lekgolong. Go fokotsa seemo se, lephata la dikgolegelo le batsaya karolo

ba bangwe ba dira ditshekatsheko tsa go dirisa magolegwa a a seng borai

thata mo ditirong dingwe tsa setshaba mme ba ntse ba disitswe. Go

tswelela ka go itebaganya le mosuke o, puso e tshwaraganye le

bokwaledi jwa mafatshe a selekane, ba akanyetsa go sekaseka molao o o

ka dirisiwang kwa ntle ga go atlholela kgolegelo. Fa ke sale ke tsena mo

pusong, ke ne ka fokotsa dikatlholo tsa magolegwa a ka feta dikete tse

pedi, mme bontsi jwa bone ba setse ba diragaditse mabaka a ba neng ba

a beetswe a go gololwa fa ba le lesome le bosupa fela ba boile ba dira

melato gape.

TSA MESEPELE

44. Mokgwa o o tlwaetsweng ke batho bangwe wa go fitlha le go thapa

babereki ba ba seng ka fa molaong o rotloetsa borukutlhi. Makgotla a a

diragatsang molao a dira le ba-na-le seabe go busetsa ba ba tseneng

mono ka bokukuntshwane kwa mafatsheng a bone. Legale go a bo go

busiwa dirukutlhi tse di bonweng molato mo makgotleng a ditsheko le ba

bangwe ba ba sa tlhokegeng ba re patelesegang go ba busetsa gae. Ka

maiteko a rona a go gagamaletsa ba ba tlolang melao ya go dira kgwebo

le tse dingwe, re romela molaetsa o o papametseng gore botlhe ba

tshwanetse go obamela molao. Re ntse re tshwaraganye le lekgotla la

taolo ya mesepele la mafatshefatshe re inaakantse gape le go rutuntsha

badiri ba tsa mesepele le ba bangwe ba ba diragatsang molao mo go tsa

tsamaiso le dithulaganyo tsa melelewane.

45. Puso gape e simolotse kwadiso ya matsalo le dintsho gone foo kwa

dikokelwaneng mme tirelo eo e tlaa fetisediwa gape mo dikokelwaneng

mo lefatsheng leno lotlhe. Tiro ya go dira boOmang ka motlakase le yone

e setse e simologile. Batswana jaanong ba setse ba dirisa pasa ya

maemo a segompieno e go tweng Epassport mme ba ba iseng ba e bone

ba letlelelwa go dirisa e kgologolo go boela gae fela.

46. Go diragadiwa ga thulaganyo ya taolo mesepele kwa molelwaneng go

gaufi le go wela, fa go dirwa ga diteseletso tsa ikopelo tiro ka boranyane

go tlaa simologa mo ngwageng ono wa madi. Se se tla jaana go sena go

tsenngwa mo tirisong boranyane jwa go dira ikopelo diteseletso tsa

boagedi. Mabapi le go neela baikopedi boagedi, puso jaanong e dirisa

tsamaiso ya go fa baikopedi matshwao, go tlhomamisa gore dilo di direlwa

mo pepeneneng ebile ka mokgwa o le mongwe go oka bagwebi le

babereki ba tlhwatlhwa. E re ka thulaganyo eo e tlhokwa thata, mo nakong

eno e setse ebile e kanokwa go baakanya diphoso tse di neng tsa

lemogwa fa e ne e tsenngwa mo tirisong.

TSA MELAO

47. Rotlhe re tshwanetse ra obamela tsamaiso ya rona ya molao ka go o

sala morago. Go simololwa ga go boloka dikitsiso tsa kgotla ya ditsheko

ka dikhomputara go tokafaditse tiro ya makgotla a rona a ditsheko. Mo

bosheng jaana re ne ra nna le tse di latelang

* Go ne ga tlhongwa makgotla a ditsheko a a itebagantseng le dikgang tse

di rileng

* Melao mengwe ya tsamaiso ya makgotla a ditsheko e ne ya sekasekwa

*Thulaganyo ya go tsamaisa ditsheko e ne ya anamisediwa kwa

makgotleng a ditsheko.

* Gape go ne ga bulwa diofisi dikgolo mo Gaborone.

48 Jaaka re ne re solofeditse ngogola, dikgotla tse dingwe gape di le tharo

tse di itebagantseng le bogodu jwa leruo di a tlhongwa kwa Palapye,

Jwaneng le Selebi Phikwe, go thusa tse nne tse di setseng di le teng, fa

ka ntlha e nngwe diofisi tsa ditsheko di supa tse di tsamaisiwang ka dikoloi

di setse di rekilwe go tlhofofatsa le go fefosa go sekwa ga ditsheko.

49. Fa e sale e simololwa ngogola, thulaganyo ya thuso ya molao go

thusa ba ba tshwanetseng, e ntse e direla fela kwa diofising tsa ga

Mmamelao mogolo mo Gaborone le Francistown mme e nngwe e tlaa

agwa kwa Maun. Ditirelo tsa diofisi tsa go nna jaana di tlhokwa thata ke

setshaba mme ka Phukwi go ne go na le baikopedi ba le dikete tse di

lesome le bongwe. Ka jalo re ikaelela go tsenya molao kakanyetso kwa

Palamenteng go dira molao wa sennela ruri wa dithuso tsa molao.

50. Kwa ntleng ga go bopaganya setshaba le go somarela ngwao, fa ka

ntlha e nngwe re inaakanya le tlhabololo ya dikgaolo, dikgosi di na le tiro e

tona ya go tsisa tshiamo mo setshabeng ka ditsheko tsa makgotla a

Setswana. Go ba thusa mo tirong e, molao kakanyetso wa go sekaseka

molao wa makgotla a Setswana o tlaa bewa Palamente pele mo go yone

paka eno. Ka maiteko a go tokafatsa tsamaiso ya makgotla a Setswana,

makgotla a le masome mabedi le bobedi a ne a tlhatlosiwa maemo go

tswa mo go letlanyeng go nna a a bolokang dikitsiso.

TSAMAISO YA DIKGAOLO

51. Go itebaganya ka botlalo le tsamaiso ya dikgaolo tsa magae. Go a

tlhokega go tokafatsa neelo setshaba ditirelo kwa magaeng. Go

amogelwa ga bosheng ga molao wa tsa selegae go tlaa dira gore

dikhansele tsa ditoropo le tsa dikgaolo di tsamaisiwe ka molao o le

mongwe fela. Go tlhongwa gape ga mafelo a le matlhano a a tshwanang

le ao, go itebaganya le dilo di tshwana go phuthwa ga mekgatlho, go

baakanya dikago, go reka dithoto tse di tlhokafalang, go ntsha diteseletso,

kolelo ya matlakala, le tiragatso ya melawana ya khansele di dirile gore

ditlamelo tseo di atumele batho.

52. Ka maiteko a go thusa setshaba go tsenya letsogo mo tlhabololong ya

magae, re bone go le botoka go nonotsha dikhansele tsa magae, tsotlhe

di le ka fa tlase ga tsamaiso e le nngwefela mme di eteletswe pele ke

mothusa mokwaledi. Ka maikaelelo a go tswelela re dirisanya le

dikhansele, makalana a a lebaganyeng le dikhansele a fudusitswe kwa

lephateng la madi le ditogamaano tsa ditlhabololo go ya kwa mo

gompienong go tlaa bidiwang lephata la dikgaolo le tlhabololo ya magae,

go supa tota tiro ya lone e ntsha e e atolositsweng. Lekgotla la ditlhabololo

tsa magae le tlaa etelelwa pele ke mothusa tautona.

NYELETSO LEHUMA

53. Go diragatsa maitlamo a rona a go neela Batswana botlhe botshelo jo

bo itumedisang, puso e tsweletse ka go ema bagodi le ba ba tlhokang

nokeng. Mo ngwageng ono wa madi, re abile P308million e le madi a

dikatso tsa bagodi a kgwedi le kgwedi le ba ba neng ba ile ntweng ya

lefatshe ya bobedi ba le dikete tse pedi, makgolo marataro, masome a le

marataro le bobedi. Dikhutsana, batlhoki ba ba kwadisitsweng le ba ba

okelwang kwa malapeng ba amogela dijo kgwedi le kgwedi, fa batlhoki

gape ba fiwa matsana a seshabo. E re le fa re thusa ditlhopha tse di sa

itsholelang tse, gone ke maikaelelo a rona go ba ntsha mo go tsheleng ka

lemmenyana la puso go nna batho ba ba ka itshedisang.

54. Mme ke ipoeletse ke re nyeletso lehuma ke tiro ya botlhokwa mo

setshabeng le mo itsholelong, mme ke gone ka moo komiti potlana ya

nyeletso lehuma e tlhomilweng go tsweledisa thulaganyo e. Go simologa

ka Phatwe monongwaga, batho ba le dikete tse tharo, lesome le bobedi

ba solegetswe molemo ke thulaganyo eo e e nang le makalana le

masome mabedi le boraro a a akaretsang; go tlhatswa diaparo, kapei ya

borotho, masingwana a merogo, go loga, thuo ya dihutshane, thuo ya

dinotshi, go lema ditlhare, le go phuthela di-tswa temong jaaka mmidi,

mabele jalo jalo. Go solofetswe gore masingwana a merogo a le dikete tse

di supang, makgolo a supa, masome a fera bongwe le boferabobedi a bo

a setse a dira sentle fa ngwaga ono wa madi o ya fifing. Gore maiteko o

go nna jaana a kgonagale, go ne ga ntshiwa P40million go ya kwa

dikgaolong tsa botlhophi tse di farologanyeng, go ruta le go reka didirisiwa

tsa ditiro tse di farologanyeng.

55.Gape re mo thulaganyong ya go tshwara dipitso le dithuto-thutano tsa

nyeletso lehuma mo lefatsheng leno lotlhe. Mo nakong eno go setse go

tshwerwe dithuto-thutano di le tharo kwa Diphuduhudu,

Sehunou/Motshegaletau mme bosheng fela jaana e ne e tshwerwe kwa

Struizendam, mme tse tsotlhe di thusitse batho ba le dikete tse tharo.

56. Lefatshe la rona le tsweletse ka go atlega mo go fokotseng tlhoka

tekatekano fa gare ga bomme le borre e e supilweng ke dikanoko tsa

makgotla a mafatshefatshe, mo go tsa thuto, palo ya bomme mo ditirong

tsa boranyane, le maemo a boikarabelo. Le fa gone go na le kgatelopele e

e ntseng jalo, re a itse gore go santse go na le tlhoka tekatekano mo

makgotleng mangwe. Go itebaganya le bothata jo, puso e tsile ka

mananeo a go tlhabantsha seemo sa go nna jaana. Mangwe a one ke

lenaneo la dithuso tsa bomme, le go dirisitsweng P14.8million mo go lone

mo bathong ba le sekete, makgolo mabedi le masome a mabedi fa ba ne

ba itshimololela ditiro tse di ka ba direlang madi. Mo go one madi a go na

le dithuso tsa batho ba ba tshelang le bogole. Re tsweletse gape ka go

senkela bomme mebaraka mo gae, mo kgaolong ya borwa jwa Afrika le

kwa mafatsheng a mangwe. Ke gone ka moo lekgotla la Women’s

Exposition and Business Forum le neng la tshwara phuthego ka

Seetebosigo monongwaga.

57. Go ne ga rebolwa P530million mo ngwageng ono wa madi go thusa

batho ba ba sa berekeng ka lenaneo la Ipelegeng le gape le thusang go

baakanya dithoto tsa puso, go phepafatsa tikologo le twantsho borukutlhi.

Go simologa ka Moranang go fitlha ka Phalane 2012, batho ba ba setseng

ba thusitswe ke Ipelegeng ba 289 595 mme mo go bone ba le 212 079 ke

bomme, fa ba le 77 516 e ne e le borre. Palo ya batho ba ba thusiwang ka

Ipelegeng e ne ya gola go tswa mo go dikete tse di masome matlhano go

nna dikete tse di masome matlhano le botlhano monongwaga. E re le fa

baganetsi le basotli bone ba ntse ba le teng, dithuso tsa Ipelegeng di

amogetswe sentle ke setshaba. Ka Phatwe, madi a a thusang batho ka

bongwe ka bongwe a ne a okediwa.

58. Re setse re weditse kanoko e e ikemetseng ya Ipelegeng, e e supang

gore lenaneo le tokafatsa matshelo a batho ba ba tsenang mo go lone.

Dintlha kgolo tse di tshwanetseng go dirwa tse di tswang mo dipatlisisong

tsa re lenaneo leo le tshwanetse la lomaganngwa le mananeo a mangwe

a nyeletso lehuma, go bereka dioura tse di ka neelang babereki sebaka sa

go dira ditiro tse dingwe le go tokafatsa go neela le go reka dilwana tse di

dirisiwang kwa Ipelegeng.

59. Go fiwa dithata tsa itsholelo ga batho ba metsana e e kgakala le

ditlhabololo ke konokono ya go aga tshaba e e kgaoganang meamuso ya

lefatshe ka tekatekanyo. Ka tsela e e ntseng jalo, re na le thulaganyo ya

dingwaga tse some ya go akaretsa mongwe le mongwe mo go akoleng

meamuso ya lefatshe. Thulaganyo ya go nna jalo e eteletswe pele ke

molomaganyi wa maemo a a lekanang le mokwaledi wa lephata la puso

mme a ntse a engwe nokeng ke komiti ya maphata a puso.

Jaaka e le bontlha bongwe jwa dithuso, banana ba metse e ba tlaa

tswelela ka go bona dithuso le kaedi go thusa itsholelo ya bone, go ithusa

mo sekoleng le go bona ditiro. Seo se dirile gore banana ba metse e e

kgakala le ditlamelo ba le makgolo mabedi, masome a mane le bobedi le

ba bangwe ba ba itlhaelang ba nne le sebaka sa go ikoketsa dithuto kwa

dikoleng tse dikgolwane fa ba le lekgolo, masome a mane le boraro le ba

bangwe ba le makgolo marataro le masome a matlhano ba thusiwa go

bona ditiro. Banana ba bangwe gape ba le sekete, makgolo a marataro,

lesome le bobedi ba thusitswe ka lenaneo la go ithuta ka tlhaeletsanyo.

MATLO

60. Re ntse re senka metlhala e mengwe ya tokafatso itsholelo go thusa

batho ba ba tshelang le bogole. Go tsweledisa thulaganyo e, go ne ga

tshwarwa pitso ya ba ba tshelang le bogole ka Phatwe go leka go tla ka

megopolo e e ka ba dirang gore ba nne le seabe mo maitekong a go nna

le itsholelo e e ka gatelang pele ebile e tswakanye. Ka tsela e e ntseng

jalo, ke itumelela maiteko a ga Rre Seabelo Tlhaselo a bosheng a gore

dibese tsa gagwe di pege batho ba ba tshelang le bogole mahala.

61. Motsamaisa tiro, motho ga a ka ke a tshela botshelo bo nang le seriti a

se na fa a nnang teng. Ka ntlha ya lebaka le, re eme ka dinao go

netefatsa gore Batswana ba bona boroko jo bo lebegang. E rile mo

ngwageng wa madi o o fetileng, go ne ga ntshiwa P20 million go dirisiwa

mo mading a dikadimo a lenaneo la SHHA, le le neng le tshwanetse go

thusa batho ba le 444. Pele ga moo, re ne re ntse re beile leitlho seemo

sa dikago di le 1403 tse di tsweletseng le tse 1203 tse di sa tswang go

wediwa. Go na le tse dingwe tse disha, tse di tshwanetseng go

simolodisiwa go agelwa batho ba le 1000 mme madi a tsone a ka tshwara

P60million, ka jalo di tlaa bo di tlaleletsa tse 1060 tse di tsweletseng tsa

mofuta one oo. Go na le lenaneo la dikago tse dingwe gape, le le tlaa

thusang go nyeletsa lehuma. Lenaneo le le tladitswe thata ke la dikgwebo

tsa go foroma ditena, mme la thusa thata go neela bontsi boroko.

62. Re ntse re le mo go yone kgang ya go thusa batlhoki ka boroko, matlo

a le 651 a a lebagantsweng le batlhoki, a tshwanetse go agwa go

ngwageng ono wa madi. Mo go yone palo e, ba le 222 ke banni ba metse

e e kgakala le ditlamelo. Jaaka re tsweletse ka go aga matlo ka boikuelo

jwa go thusa batlhoki, re tshwaragane le dikhamphani tse di ikemetseng

go ba agela matlo. Re dirile dikopo tsa go aga matlo a le 500 mme re

setse re kgonne a le 140 fa a le 60 a tsweletse ka go agwa. Ke leboga

batho ka bongwe ka bongwe, dikhamphani le makgotla otlhe a a

thusitseng mo go direng tiro e ntle e.

63. Puso e itse sentle gore e tshwanetse go agela badirela puso matlo a a

lebegang, bogolo jang ba ba kwa dikgaolong, kwa a tlhokegang fela thata.

Re a itse gore re amilwe ke kwelotlase ya itsholelo mme ga re a nna fela,

re buisantse le ba antse le ba dikompone tse di ikemetseng go rulaganya

go kopana le puso go dira dikadimo tsa madi, tse di ka thusang badirela

puso go ikagela.

64. Lenaneo la Single Housing Authority (SiHa) le okametse dithulaganyo

tsotlhe tsa go agela setshaba matlo ka dithulaganyo tsa go thusa ba ba

tlhokileng lesego, go akarediwa le yone ya Turnkey. Se ga se na go ama

ka gope seelo sa madi a a neelwang batho ka di farologane, sa SHHA ke

P45 000 mme sa Turnkey ke P60 000.

65. Re ne ikaeletse go aba ditsha tse di farologanyeng di ka nna 50804

mo ngwageng wa madi wa 2011/12 mme re kgonne go aba di le 48073.

Maiteko a rona a go abela batho ditsha, fa gongwe le kgorelediwa ke ba

ba ipeileng ditsha e se ka fa molaong. Go ipaya fela go kgoreletsa go dira

ditogamaano tsa ditlhabololo le ditirelo. Puso ga e oshaoshe ka go

tlhalosa gore ga e beye go ipaya ditsha sebete.

66. Go supa fa re tsweletse pele, go tlaa sekasekwa moalo wa go aba

lefatshe mo metseng le mo ditiropong.

THUTO LE BANANA

67. Puso ya rona e lebagane le kgwetlho e tona ya go naya banana

bokgoni jwa

77. Go kgona thuto ya maemo gape go tlhoka tirisanyo le batsadi,

bagwebi le morafe. Lekgotla la batsadi le barutabana le setshaba le

tlhamilwe. Barutabana ba ba tlogetseng tiro ka bogodi le bone ba

ithaopela go nna mo setlhopheng sa bapepetletsi. Lenaneo la adopt-A-

School le lone le amogetswe sentle. Kwa ntle ga go thusa puso, lenaneo

leo le otlelela ngwao ya gore ngwana ke wa morafe.

78. Ke sa ree gore ga re kake ra tokafatsa, ke itumelela gore dikole tsa

puso di alosa bana ba ba re tlotlomatsang mo diyunibesithing tse dikgolo

lefatshe ka bophara ka lenaneo la Top Achievers. Ke itumelela le gore

ngwana mongwe wa rona, Elija Tsheko wa sekole se segolo sa Nata o

tsere seetsele sa go kwala polelo sa 2012 sa SADC, re a mo akgola ga

mmogo le barutabana ba gagwe.

TEMO-THUO

79. Mma jaanong ke itebaganya le dikarolo tsa itsholelo ka bongwe ka

bongwe ke simolola ka temo-thuo. Re feleletsa kanoko ya revised

National Policy on Agriculture Development, e e ikaelelang go tokafatsa

dijo ka go kabakanya ka tse di sa tlwaelwang e ntse e tlhokometse go

ntsha maduo le tikologo. Lenaneo leo gape le gabile ba dilo di ntseng di

sa ba siamela. Go dira go feta fa, re setse re nyalantse mafelo a a

tshwanang ka tlhago le di-tsa temo-thuo gore go tle go nne le dipoelo.

80. Mhama wa thuo, bogolo jang wa nama, o tsweletse ka go tsenya

letsogo mo go bonalang mo dipoelong tsa lefatshe. Lenaneo la kgodiso ya

maalolelo e tsweletse jaaka go godisiwa ga a a ka tlhajwang kwa BMC.

Sekai; maalolelo a le 10039 a ne a tlhwajwa ke BMC mo tshimologong ya

2012 fa go tshwantshanngwa le a a 6821 a 2011. go raya gore palo e

oketsegile ka 41 mo lekgolong. Tshekatsheko le kwadiso ya

manontshetso a loruo, dipolasi le mafudiso a merafe le tsone di tsweletse

go kgotsofatsa mmaraka wa Yuropa. Mo bogompienong, manontshetso a

le lesome le borataro le dipolasi di le 164 di setse di kwadisitswe gore di

kgotsofatsa EU.

81. Tlhabololo ya rona ya leruo e tsweletse ka go kgorelediwa ke ho

tlhagoga ga malwetse le leuba. Mo ngwageng ono lefatshe leno le ne la

tlhagelwa ke bolwetse jwa tlhako le molomo kwa kgaolong ya Ngamiland,

jo bo simologileng fa mogotlheng o o gaufi le terata ya dinare mme ya re

kwa morago jwa begwa ntlheng ya Kareng bo gomagometsa kgaolo ya

Ghanzi. Kwa kgaolong ya Bokone Botlhaba, bolwetse joo bo ne jwa

nyelediwa mme ga tlogelwa diphologolo tsa naga fela le diruiwa tse di

jaaka dikolobe, dipodi, le dinku. Bolwetse joo gape bo mo taolong kwa

mafelong a Bobirwa-Mmadinare mme ra kgona go senkela dikgomo tsa

mafelo ao mmaraka. Go busetsa leruo kwa dikgaolong tseo go tlaa dirwa

fa leuba le sena go kokobela. Tumalano fa gare ga Botswana le

Zimbabwe ya go tshwaraganela go laola tlhako le molomo e atolositswe

go akaretsa thekiso ya dikgomo tse di tshelang go tswa kwa Ngamiland,

Bokone Botlhaba, le Bobirwa-Mmadinare go ya go tlhajwa kwa Zimbabwe.

Go fitlhelela nako eno, dikgomo di le 6200 tse di tshelang di setse di

rekisitswe kwa Zimbabwe.

82. Go na le kgwetlho e nngwe gape ya madi le mathata a tsamaiso kwa

Botswana Meat Commission (BMC), jaaka e le lekgotla le le

kopanetsweng le puso mme le na le khuduthamaga ya lone. Go palelwa

ga BMC go rulaganya mebaraka ya mafatshefatshe ntateng ya go

seegelwa fa thoko mo thekisong ya nama, le go tswala matlhabelo a yone

lobaka lo lo leele, ntateng ya go tlhagoga ga tlhako le molomo, go ne ga

dira gore matlhabelo ao a palelwe ke go duela barui. Go simologa ka

ditlhotlhomiso tse di dirilweng ke tona wa temo thuo, go ne ga supega

gape gore lekgotla leo gape le na le mathata a lone. Ka tsela e e ntseng

jalo ebile e le ka taolo ya ga tona, puso e ne ya bona go tshwanela go

tsibogela kgang ya BMC ka bofefo go e thusa go boela mo seemong se

se siameng ka boeteledipele jo bosha. Ka jalo, matlhabelo ao a ne a

adingwa madi fa ka ntlha e nngwe, go ne ga tlhongwa setlhopha go bona

gore bothata jwa BMC bo fa kae. Ka maiteko a go e thusa go boela mo go

direng dipoelo gape.

83. Le fa go lebega dikgwetlho tse di ne di sa lekana, lefatshe leno gape

le ntse le le mo leubeng le le seng bogale thata. Ka jalo, mmuso o thusa

barui go reka dijo tsa leruo ka phokoletso ya 25 per cent mo melemong le

dijo tse di rileng tsa leruo go sireletsa balemi mo manokonokong a leuba.

84. Maiteko a mangwe gape a tlaa dirwa go inaakanya le makalana a a

ikemetseng go bona ka fa letsopa la dikgomo la Musi le ka ntsifadiwang

ka teng. Re ikaelela gape go rotloetsa makgotla a a tsadiso ya dikgomo,

mo go tlaa thusang go supa dikgomo tse di tsalegileng.

85. Thulaganyo ya go thusa barui ka ditlamelo ya Livestock Management

and Infrastructure Development (LIMID) go supega e atlegile fela thata.

Mo nakong eno dihutshane di le 32 572 le dikoko tsa Setswana di le 11

940 di setse di neetswe batho ba le 3064 fa esale kgwedi ya Lwetse 2010,

bontsi jwa bone e le banana ba ba dikobo dikhutshwane. Le fa go ntse

jalo, lenaneo leo le santse le na le dikgwetlho jaaka tlhaelo ya dihutshane

go rekela ba ba thusiwang le tlhaelo ya matlhabelo. Ka tsela e e ntseng

jalo, dipolasi tsa puso di tlaa dirisiwa go tsadisa le go phatlalatsa

dihutshane, fa matlhabelo a Jwaneng a tlaa tlhatlosiwa seemo.

86. Mhama wa tsa mashi le one o tsweletse ka go kopana le dikgwetlho

tse di jaaka ditlhwatlhwa tse di kwa godimo tsa didirisiwa, le tsamaiso e e

bokoa. Ke gone ka moo re santseng re reka 80 per cent ya mashi a re a

dirisang kwa ntle ga lefatshe leno. Jaanong mmuso o tsile ka thulaganyo

ya go tsosolosa mhama oo ka go dira thulaganyo e e lebaneng.

87. Ka kemonokeng ya thulaganyo ya ISPAAD, selekanyo se se neng sa

lengwa mo pakeng ya temo ya 2011/12 ke diekere di le 341 000, di

lengwa ke balemi ba le 105 000. Mo go tsone diekere tseo, go bonwe

thobo ya selekanyo sa ditone di le 42 500. Legale go santse go phuthwa

dikitsiso tsa thobo mo baleming mme go solofelwa gore dipalo tsa

selekanyo sa thobo di tlaa oketsega. Ka paka ya thobo ya ngwaga ono,

go ne ga dirisiwa P3.7million go reka thobo mo baleming go simologa

2009 go oketsa dijo tsa bana ba dikole tse dipotlana.

88. Mo dikopong di le 49 tsa masingwana a merogo tse di amogetseng ka

lenaneo la ISPAAD, di le 23 di ntse di dira sentle mme di ntsha merogo ya

selekanyo sa ditone tse 1027 mo diekereng tse di 109. Mo nakong eno,

go robilwe selekanyo sa ditone di le 15 900 fa tota re ne re ipeetse seelo

sa ditone tse 23200. Seemo sa loapi jaaka dipula tse di kwa tlase ebile di

na fale le fale go balelwa le mogote o o kwa godimo le tsamaiso e e bokoa

go koafaditse merogo. Le fa gone go na le dikgwetlho, go na le tokafalo ya

thobo mo masimong bogolo thata kwa Tuli Block.

89. Mmuso o tsweletse ka go laola diji jaaka thaga le ntsi e e senyang

maungo. Mo digongwaneng tse di neng di bonwe mo pakeng eno tsa

thaga di le 73, di le 60 di ne tsa laolwa. Go dirilwe thulaganyo ya go laola

go anama ga ntsi e e senyang maugo kwa Pandamatenga le Tuli Block.

Gape go na le kiletso ya go ntshiwa ga maungo mo kgaolong ya Chobe.

DITSWAMMUNG

90. Jaaka go setse go boletswe, kwelotlase ya itsholelo e tsweletse ka go

kokonela kgwebo ya ditswammung, tse e leng tsone konokono ya go dira

madi le go tswakanya itsholelo. Ngwaga ono, go solofelwa gore theko ya

diteemane e fokotsege go na le jaaka go ne go solofetswe. Go

akanyediwa gore theko ya diteemane e tlaa fokotsega ka 13 per cent fa

madi a a bonwang one a wela tlase ka 19 per cent Seo se bakwa ke

mebaraka ya diteemane e e sa iketlang. Ka tsela e e ntseng jalo moepo

wa Lerala o o neng wa simolola go dira ka Tlhakole 2012, o santse o

baakanngwa fela jaaka BK 11 ya moepo wa Monak Venture.

91. Ditlhwatlhwa tsa kopore le kgotlho le tsone di ne tsa wela tlase fela

thata ka 2011. Kwa bofelong jwa kgwedi ya Lwetse ka 2012, tlhwatlhwa

ya kgotlho e ne ya wela tlase ka 22% fa go tshwantshanngwa le ngwaga

ya 2011 yotlhe, fa tlhwatlhwa ya kopore e ne ya wela tlase ka

borobabongwe mo lekgolong go na le jaaka e ne e ntse ngwaga otlhe wa

2011.

92. Thulaganyo ya puso ya go rotloetsa babeeltsi mo mhameng wa

meepo e nnile le maduo jaaka go supagetse ka go bulwa ga meepo e

mebedi bosheng, ebong wa Karowe wa diteemane le wa kopore le kgotlho

wa Boseto. Moepo o mongwe gape wa teemane wa Ghaghoo o tsweletse

ka go tlhabololwa mme go solofelwa gore o simolole go dira ka 2013.

Seemo se a solofetsa gore go tlhabololwa ga meepo go tlaa tokafala ka

jaana go na le dikhamphani tse dintsi tse di dupang ditswammung.

93.Go huduga ga khamphani e e rethefatsang diteemane ya DTC go tswa

London go tla mo Botswana go mo lenaneong mme go tlaa wediwa ka

Sedimonthole 2013. DTC e dirisitse P70million go tokafatsa madirelo a

yone mo Botswana, fa e tlaa kgobokanyetsang diteemane teng e bo e di

rekisa. Legato la ntlha la go fuduga le weditswe ka Phukwi 2012, fa

diteemane tse di tswang kwa khamphaning ya DeBeers dine di

kgobokanyediwa di bo di rethefadiwa mo Gaborone e le la ntlha. Go anya

sengwe mo khudugeng eo, makgotla a a ikemetseng ka nosi a

rotloeditswe go nna le seabe mo go yone.

94. Ka Tlhakole 2012, puso e ne ya tlhoma khamphani ya Okavango

Diamond go reka le go rekisa selekanyo sa 15 per cent sa diteemane tsa

Debswana go dirisiwa tumalano e ntsha ya thekiso. Khamphani eo e eo

erile bosheng ya thapa mookamedi mogolo yo o tlaa dirisanang le

khuduthamaga ya khamphani, go simolola theko le thekiso ya diteemane

mo pakeng ya bobedi ya 2013.

95. Go emisiwa ga go ajwa ga diteseletso tsa go sega le go rethefatsa

diteemane ka 2008 go tlosolositswe, mme go bakile gore dikhamphani di

le tlhano di neelwe diteseletso tsa go nna jalo ngwaga eno. Ka 2011,

khamphani ya DTC Botswana e ne ya rekisa diteemane tsa madi a

US$600million kana P4.739billion. Mo dikgweding tsa ntlha tse thataro tsa

2012, DTC Botswana e ne ya rekisa diteemane tsa madi a $US373.84

kana P2.953billion. Maikelelo ke gore e re ka bogare jwa ngwaga re bo re

KGOTETSO

rekisitse $800million kana P6.320billion tse di tlaa rekisiwang mono fela.

Mo godimo ga moo, khamphani ya Firestone Diamonds e ne ya abelwa

dithendara di le thataro fa ya Boteti Mining e ne ya bona tse pedi go rekisa

diteemane go tswa kwa meepong ya tsone ka kotara ya ntlha ya ngwaga

wa madi wa 2012/2013.

96.Mabapi le ditswammung tse dingwe, puso e amogetse phetolo molao

wa meepo le ditswammung, go tlhabolola molao wa lefatshe leno wa

ditswammung gore o kgone go gaisanya go tlhomamisa gore ditshwanelo

tsa go epa ditswammung di abelwa ba ba nang le bokgoni gape go sena

bape ba ba dirisiwang go batlela ba bangwe dithendara. Seo se tlaa dira

gore go nne le babeeletsi ba boammaaruri, ba ba nang le ditsompelo tsa

go gweba ka nako e e solofelwang go tsisa dipoelo mo itsholelong.

97.Ka Hirikgong 2012, mmuso o ne wa rebola go tlhongwa ga lekgotla la

tlhabololo ya magala, go tsamaisa thekiso ya one, fa ka Mopitlwe 2012

puso e ne ya rebola go tlhongwa ga khamphani e e ka gwebang ka one e

le ya puso, go tsamaisa tsotlhe tse di amanang le kgwebo ya

ditswammung. Go tlhongwa ga dikhamphni tseo go tsweletse.

98. Re gaufi le go kikitlimologa mo seemong se se gwetlhang thata sa

tlhaelo ya kgotetso. Mo mabakeng a ke batla go lebogela badirisi maiteko

a bone a go intsha setlhabelo le go somarela mo go neng go tlhaela. Seo

se re kgontshitse go tswelela go tokafatsa matshelo a Batswana botlhe ka

go oketsa matlotlo a kgotetso ka ditlhwatlhwa tse ba di kgonang.

99. Madirelo a phetlho ya motlakase a selekanyo sa 600MW a Morupule B

a santse a agwa. Makalana a mangwe a mararo a santse a lekelediwa

pele ga e tsenngwa mo lenaneong la phatlalatso ya motlakase la BPC, fa

lekalana la bone le santse le agwa. E re ka moono kwa tshimologong e ne

e le gore makalana a ka bone jwa one a bo a dira fa ngwaga ono o fela,

go ne ga nna le tiego mo eleng gore makalana a le mararo fela jaanong

ke one a solofetsweng gore a bo a dira fa ngwaga o fela mme la bone le

solofetswe go dira mo sephatlong sa ntlha sa 2013. go itebaganya le

tlhaelo ya motlakase, mmuso o tsweletse ka go thusa ka madi mo go

tsamiseng madirelo a mabedi a phetlho ya motlakase kwa

Matshelagabedi le Orapa tse di ka kgonang go ntsha motlakase wa

selekanyo sa 160MW fa di kopane. Maikelelo a ga goromente ke go

tlhomamisa gore lefatshe leno le nna le ditsompelo tse di lekaneng tsa go

fetlha motlakase. Ka tsela e e ntseng jalo dithulaganyo di tsweletse pele

go tlhabolola madirelo a masha a phetlho ya motlakase go dirisiwa

magala tse go solofelwang di ka ntsha motlakase wa selekanyo sa

600MW pele ga dingwaga tse some di fela.

METSI

100. gape re atolosa mafaratlhatlha a motlakase ka re batla gore ere ka

2016 batho ba le 80 mo lekgolong ba bo ba bona motlakase. Metse e le

28 e tlhophetswe go gokelwa mo ngwageng wa madi wa 2012/2013 ka

madi a a ka tshwarang P93 million. Katoloso e e kgontshitswe ke go

lekalekanya seelo sa tuelo ya kgokelo ya motlakase lefatshe ka bophara

go nna P5 000 le madi a a ntsheditsweng tiro eo, tse tsotlhe di

kgontshitseng gore malapa a le 16 888 a akarediwe mo mmepeng wa

motlakase ka Phukwi 2012.

101. E re ka go na le matshwenyego a kgotlelesego ya tikologo e bakwa

ke mosi, puso e e tshwaragane le go tlhabolola boranyane jo bo sa

ntsheng mosi mme ebile bo ka dirisiwa gangwe le gape. K a tsela e e

ntseng jalo madirelo a phetlho ya motlakase wa marang a letsatsi wa

selekanyo sa 1.3mw o o tlhongwang ka thuso ya lefatshe la Japane ya

P90milion a ne a tlhongwa ka Phatwe 2012. go solofetswe gore madirelo

a go nna jalo a phetlho ya motlakase a tlaa agwa mo mafelong a mengwe

gape. Koporase ya motlakase ya BPC e tsweletse ka go rotloetsa tiriso ya

didirisiwa tsa mo malapeng tse di dirisang marang a letsatsi ka lekalana la

yone la BPC Lesedi. Go dumalanwe gape gore BPC reke motlakase o o

sa ntsheng mosi ka ditlhwatlhwa tse di seng kwa godimo that a go

simologa ngwaga o o tlang.

102. Mhama wa leokwane le one o tlhomamisitse lefatshe leno le na le

leokwane le le lekaneng go dirisiwa mo ditseleng mme moo ga oketsa

tshwaragano mo kgaolong eno. Go setse gape go dumalanwe gore go

nne le lekgotla le le faphegileng le le tlaa tlhomang khamphani ya ole ya

setshaba. Tiro e kgolo ya khampahani eo e tlaa bo e le go tlhomamisa

gore lookwane ka mefuta lo nna lo le teng, le go naya beng gae dithata

tsa itsholelo mo kgwebong ya lookwane. le go tlhomamisa gore leokwane

la puso le nna le le teng dinako tsotlhe. Dipaakanyo tsa mabeelo ao a

leokwane a leokwane la dilithara tse 149million kwa dithabeng tsa Tshele

di tsweletse. Go oketsa seabe sa leokwane le le sa ntsheng mosi ka

dithuso tsa Japan, re simolotse thulaganyo ya tshekatsheko ya dingwaga

tse tlhano e e simologileng ngwaga ono ka go tlhotlha diesel mo

maungong a setlhare sa jatropha.

103. Metsi ke sedirisiwa sa botlhokwa that a mo botshelong mme a

tshwanetse go dirisiwa ka kelotlhoko. Ke one mabaka a a dirileng gore

thulaganyo ya metsi ya setshaba e bewe Palamente pele mo pakeng eno,

e le thulaganyo ya lebaka le le leele go itepatepanya le go lekalekanya

tiriso ya metsi mo setshabeng. Le fa go ntse jalo, diphetogo tse di

dirwang mo mhameng wa metsi di tsweletse sentle mme di tlaa wediwa

ngwaga o o tlang. Mo nakong eno metse e le 454 mo go e e 540 e setse e

tserwe ke WUC. Ka Phalane 2012 fa o fela metse e le 342 e ne e setse e

goketswe ka tsamaiso ya go duela metsi ya WUC mme go kgontsha

batho go duela metsi gongwe le gongwe fa ba leng teng mo lefatsheng

leno ka diofisi di tlaa bo di golagantswe. Mo godimo ga moo, go butswe

mafelo a le 23 kwa go ka bonwang ditlamelo teng. Go tswelela ka go

tokafatsa tuelo ya metsi, WUC le Botswana Post di saenne tumalano ya

gore diposo tse di 47 tse di anameng le lefatshe leno, di kgone go

amogela makwalo a tiriso metsi a badirisi ba metsi ba WUC . se go

solofelwa se tlaa nyeletsa dikgoreletsi tse di ntseng di kgoba marapo

badirisi

ba metsi a WUC.

104. Kwa ntleng ga bothata jo bo bakwang ke tsamaiso ya dituelo e e

sokameng, go ntse go na le dikgwetlho tse di neng tsa supega fa WUC e

tsaya dituelelo tsa metsi, mme di akaretsa go reka didirisiwa tse disha,

tlhaelo ya metsi le dikitsiso tse di sa tlhomamang ebile di sa lekana tsa

badirisi ba metsi. Erile puso e tsibogela kgang e, ya ntsha P362million e le

wa tshoganetso mme dipaakanyo tse di neng di dirwa di tlaa fela ka 2013.

105. Re tsweletse gape ka go aga mafaratlhatlha a botlhokwa jaaka

matamo metswedi ya metsi, le gone go aga diphaephe ga mmogo le

phatlalatso le phepafatso ya metsi. Matamo a Dikgatlhong le Lotsane a

ne a fediwa ka nako e e tshwanetseng mme a lopa P2.1billion. Go dirwa

ga phaephe ya dikhilomithara tse 75 go tswa kwa letamong la

Dikgatlhong go ya Moralane e tsweletse fa selekanyo sa dikhilomithara

tse 35 se setse se weditswe ebile go solofelwa gore go tsenngwa ga

phaephe go tlaa wediwa ka Phalane ngwaga o o tlang. Kago ya phaephe

e e kopanyang letamo la Lotsane le metse e le 22 mo Tswapong bokone

le yone e tsweletse mme go solofelwa gore e tlaa wediwa fa ngwaga ono

wa madi o ya bokhutlong. Go dirwa ga letamo la Thune, le le tlaa lopang

P543million go solofelwa gore go fediwe ka Moranang ngwaga e e tlang.

Kwa ntleng ga gore matamo a mararo a nosa setshaba, metsi a a tswang

mo go one gape a tsile go dirisediwa go fetlha motlakase, go dirisiwa ga

metsi mo meepong, le nosetso le ditiro tse dingwe tsa itsholelo.

106. Go agwa ga phaephe e e tlaa tsenyang metse ya Molepolole,

Thamaga, Moshupa le Kanye mo phaepheng ya metsi e e tswang kwa

letamong la Letsibogo e tlaa simolola pele ga ngwaga ono wa madi o fela,

fa legato la ntlha la thulaganyo ya go gokelela Good Hope metsi go tswa

kwa Lobatse go setse go simologile mme go solofelwa go fediwa ka

Morule 2013.

107. Gore re kgone go itebaganya le tlhaelo ya metsi kwa mafelong a go

senang metsi a matamo teng, puso e tsweletse ka go epa didiba go

anama le lefasthe leno. gape re re ntse re tshwere ka natla go rarabolola

kgang ya tlhaelo ya metsi kwa Maun. Go itebaganya le go ntsha metsi ka

bokete jo bo fa gare, re mo thulaganyong ya go aga madirelo a go

DIKAGO

tlhatswa metsi mo go tlaa lopang P60million, go tlhatswa metsi a a tswang

mo nokeng ya Thamalakane go simologa ka kgwedi ya Lwetse ngwaga o

o tlang. Legato la bobedi la go isa metsi kwa Maun gammogo le go kolelo

ya matlakala go solofelwa di tlaa bona kemo nokeng e nngwe gape ka

Lwetse 2013. go solofelwa gore tiro e, e tlaa fetsa mathata a metsi le a

kgopho ya metsi a a leswe Kwa Maun.

108. Re ntse re tsweledisa tirisano mmogo le mafatshe a re bapileng le

one mabapi le tiriso ya metsi a meamuso e e tlhakanetsweng ke

mafatshe. Go dirilwe ditumalano le mafatshe a supa a a mo lekgotleng la

tiriso ya metsi a Zambezi gore go tle go pompiwe metsi a bokete jwa 4

95million cubic metres mo nokeng ya Chobe/Zambezi. Tiro ya go oketsa

metsi kwa Middlepits le metse e e mo tikologong, ka metsi a a tswang kwa

Africa Borwa e tsweletse mme go solofelwa e tlaa lopa P60million. Puso

gape e tsweletse ka go senka metsi kwa Vaal/Gamara go nosa Kgaolo ya

Kgalagadi le metse e e gaufi.

109. Selekanyo se se hakgamatsang se metsi a felang ka sone, le seemo

sa loapi se se sa iketlang ebile se sa ikanyege go dirile gore tiriso ya

metsi e nne kwa godimo mme go tlhokega gore tshomarelo ya metsi e

nonotshiwe. Mo nakong eno, go dirwa gotlhe mo go ka kgonwang, jaaka

go dirisa metsi gape, go beeletsa metsi a pula le go dirisa gape metsi a a

dirisitsweng. Jaaka re gomagomediwa ke leuba, ba ba nang le

boikarabelo jwa go phatlalatsa metsi ba tlaa simolola go tla ka melawana

e e fokotsang tiro ya metsi le go a somarela metsi ka go iletsa go dirisiwa

metsi botlhaswa. Ke rotloetsa setshaba go dirisana sentle mme se dire

tshomarelo mokgwa wa go tshela.

110. Puso e ne wa tshwanelwa ke go tsaya dikgato tse di gagametseng

mabapi le ditiro tsa dikago tse di neng tsa seka tsa fediwa ka nako e e

dumalanweng gape di le mo seemong se se neng se dumalanwe. E ne ya

re ngwaga ono fa puso e ne tlhomamisa gore dikonteraka di dira ditiro tsa

puso ka seemo se go dumalanweng ka sone, ga felela go nna le madi a a

duedisiwang dikhamphani tse di neng di sa dira sentle a a ka nnang

P65million ga bo ga fedisiwa ditumalano tsa ditirisano le dikhamphani tse

pedi. Mo nakong eno go dirwa dipego go di neela lekgotla la ikopelo ditiro

la PPADB go ba kgontsha gore ba tsee kgato mabapi le dikonteraka tse di

tshwanetseng go phimolwa mo dibukeng tsa ikopelo ditiro., kana go

seegelwa fa thoko. Bakanoki ba le bone ba neng ba seka ba dira jaaka go

ne go solofetswe le bone ba tlaa phimolwa kana ba seegelwe fa thoko.

111. Go tsisiwa ga badupa dibuka ba tlhwatlhwa go setse go tsholeditse

seemo sa go dira tiro ga bakanoki le dikonteraka mme ga foots go dira

ditiro go latlhelelwa. Go dupiwa ga dibuka tsp puss gape go dirile gore

DIPAGAMO

puss e salelwe ke maid a P156.6million, a a neng a sala ka go ne ga

kgorelediwa go tsaya madi ka boferefere mo pusong.

112. Go tswelela ka go upolola tshenyetso setshaba, le go tokafatsa go

dirwa ga ditiro tsa puso, goromente o tlhomile diofisi tse maikemisetso le

maikaelelo a tsone e tlaa bong e le go tlhomamisa gore dikonteraka di dira

ditiro tsa puso ka seemo se se kwa godimo jaaka go dumalanwe. Gape re

tokafatsa tomagano ya go diragadiwa ga ditiro tsa

puso le go kopanya go diragadiwa ga tsone ka maikaelelo a gore kwa

bofelong go tlhongwe lekgotlana le le ikemetseng ka nosi go okamela

badupi ba dibuka.

113. Ditiro tsa botlhokwa tsa puso di weditswe bosheng mme tsa neelwa

puso gore di dirisiwe. Di akaretsa kgotla kgolo ya ditsheko mo Gaborone,

univesithi ya BIUST kwa Palapye, le dikago tsa kholeje ya thuto kwa

Serowe. Ditiro tsa metse tse di neng di santse di tsweletse fa ngwaga ono

wa madi o simologa jaanong di gaufi le go fela.

114. Go oketsega ka bofefo ga dikoloi mo ditseleng tsa rona, mo go

godileng go menagane gantsintsi mo dingwageng tse tlhano, go imela

ditsela tsa rona. Mo kgweding e e fetileng, palo ya dikoloi tsotlhe tse di

kwadisitsweng mono e ne e le 433 216 mo seketeng sengwe le sengwe.

Go supega fa selekanyo se batho ba nnang le dikoloi ka sone ke sengwe

se se kwa godimo mo mafatsheng a a tlhabologang, ebile se le fa

godimonyana mo mafatsheng mangwe a Yuropa. Mo kgwetlhong e e

ntseng jaana, go dirilwe thulaganyo kakanyetso ya dipagamo ka mefuta

mme e tlaa isiwa kwa palamenteng.

115. Fa e le mo Gaborone, gone kwa mosuke wa dikoloi o leng montsi

teng, puso e e mo thulaganyong ya go fokotsa mosuke oo ka go bula

makopano mangwe a ditsela, go tsenya dipone tsa mesepele tse di

tlhabologileng le go tlhoma lefelo le dikoloi di ka neng di laolwa teng ka

boranyane. Go dirwa ka ditsela tse di akantsweng tse di akaretsang

dipone tsa taolo pharakano ya dikoloi di santse di kanokwa mme go

solofelwa gore go dirwa ga tsone go ka tsaya dikgwedi tse di ferang

bobedi mme e re ngwaga o o tlang e bo tiro ya go aga ditsela tseo e ka

simologa.

116. Thulaganyo ya go ala ditena mo ditseleng e atolositswe ya bo ya

tokafadiwa mo mafelong a le mantsi a lefatshe leno, mme go feditswe

ditsela tsa boleele jwa 300km. Mo godimo ga moo, marogo a masha a le

matlhano a setse a weditswe go agwa. Ditiro tse dingwe tsa ditlhabololo

di le mmalwa jaaka tsela ya Tonota-Francistown, ya Charleshill-Ncojane le

borogo jwa Thamalakane a santse a senkelwa ba ba ka a dirang mme go

solofelwa gore a bo a feditswe ka NDP 10.

117. Fa esale ngwaga o o fetileng, borogo jo bosha jwa Kazungula jwa

dira gore nako e e tsewang ke bakgweetsi ba diteraka fa ba tlolela kwa

Zambia e fokotsege ka 78 per cent. E re ka jaanong go bonwe madi kwa

African Development bank leJapanese International Cooperation Agency,

kago ya borogo jwa Kazungula e tshwanetse go simologa ka Hirikgong

2014.

118. Lekgotla le le tlhokomelang dikoloi tsa puso, la CTO le rulaganyetsa

go dirisa boranyane jo bo ka neng bo sala morago dikoloi tsa puso go

bona gore di fa kae. Ka tsela e e ntseng jalo CTO e tsweletse ka go

tlhoma mabaakanyetso a dikoloi mo lefatsheng leno lotlhe, go itebaganya

le dikgwetlho tsa go tlhoka mabaakanyetso a dikoloi. Go itebaganya le

dikgwetlho tse, CTO e tlaa fokoletsa ditiro mo mabaakanyetso a dikoloi a

beng ba one go e thusa go baakanya dikoloi tsa puso. CTO gape e

dirisanya le dikole tsa ithutelo ditiro le tsa ithutelo boranyane go baakanya

dikoloi tsa yone fa go santse go baakanyediwa go tlhoma lekalana la

tlhomamiso boleng jwa dithoto (quality inspectorate unit).

119. Go atlega ga itsholelo ya Botswana go ikaegile ka dipagamo tsp

maim a ntlha. Ke gone ka moo go leg botlhokwa go tokafatsa seem sa

cabala a rona a difofane kwa Gaborone le Francistown. Legato la bobedi

la lebala la difofane la Sir Seretse Khama Building Project le ne le

solofetswe go ka fela ngwaga o fela, mme konteraka ya palelwa ke go

diragatsa dinako tse di neng di dumalanwe tsa go fetsa tiro.. Legale

khamphani e e neng e le teng e ne ya palelwa ke go diragatsa nako e e

atolositsweng go fetsa ditiro, jalo puso ya felela e tlhobogana nayo ka

Phukwi ngwaga eno. Go mo thulaganyong ya go thapa konteraka e

nngwe go fetsa tiro eo. Go solofelwa fa tiro e e setseng e ka tsaya

dikgwedi tse thataro go wediwa. Ditiro tse dingwe kwa lebaleng la

difofane la Maun di setse di feditswe mme bontlha jo bongwe bo tlaa

wediwa ka Hirikgong ngwaga o o tlang, fa ditiro tse dingwe tse di kwa

lebaleng la difofane la Kasane tsone di ka fediwa ka Motsheganong 2013.

120. E re ka Botswana a itlamile go amogela difofane tsa mafatshe a

mangwe, lefatshe leno le setse le buisantse ditumalano le mafatshe a le

21 mme la saena ditumalano le mafatshe a le 8. Go reka difofane ga Air

Botswana go tlaa e kgontsha gore e fofele kwa mo kgaolong ya SADC le

go feta. Air Botswana e setse e dirile tsotlhe tse di tlhokwang ke lekgotla

la mesepele ya difofane la mafatshefatshe. (IATA) mabapi le tsa

itshireletso. Ka jalo IATA e ne ya dumela go bua e e kwadisa gape ka

Seetebosigo mo ngwageng eno. Se se tlaa dira gore AB e nne le ditsala ,

e gaisane le dikhamphani tse dingwe tse di gwebang ka difofane.

TTIKOLOGO LE BOJANALA

121. Ditiro di le dintsi di a dirwa go tswakanya bojanala re ntse re

tshwaraganye le batho. Di akaretsa go tlhabololwa ga mafelo a a jaaka

Moremi Gorge le mafelo mangwe a ditso kwa Lepokole. Tiro ya bojanala

ya go rua dikammela kwa Tsabong le lefelo la itloso bodutu le motse wa

setso kwa Kasane. Go setse go dirilwe ditsela tse di yang kwa mafelong a

a nang dilo tsa ditso di ka nna lekgolo, fa paakanyo ya ditsela, mafelo a go

lalwang mo go one le matshwao a a kaelang bajanala a weditswe kwa

mafelong a a farologanyeng. Mo godimo ga moo, mafelo a ditso a le 10 a

ne a tsenngwa mo bukeng ya puso ya matlotlo a setshaba ka Phukwi

ngwaga ono. Maiteko a go rotloetsa tlhabololo ya tsa bojanala kwa

mafelong a a gaufi le matamo le kwa dikgageng tsa Qcwihaba di

tsweletse. Ke itumelela gape go bolela gore thulaganyo ya Botswana Eco-

Certification system, e e rotloetsang bojanala jo bo sa senyeng tikologo

gape e neela banni ba metse seabe, e amogetswe ka maatlametlo ke

botlhe.

122. Batho ka bontsi ba beeletsa mo kgwebong ya bojanala. Dipalo di

supa gore ka Seetebosigo 2012, go ne go na le mafelo a le 764 a a

neetsweng diteseletso tsa go gweba ka bojanala. Fa ba le 406 mo go

bone e le Batswana, mme seo se supa koketsego ya 45 go tswa mo

ngwageng o o fetileng. Dikgwebo tseo, di le 141 ke tse di tlhakanetsweng

fa di le 217 e le tsa ba bangwe. Go ntse go tsweletswe ka maiteko a go

tokafatsa matshelo a beng gae le gore ba nne le seabe. Go rekisiwa ga

mekgabisa e e dirwang mono kwa mafelong a bojanala le ka boranyane

jwa inthanete go a rotloediwa e le bontlha bongwe jwa thulaganyo ya

EDD.

123. E re le fa re tswakanya bojanala re lebogela gore diphologolo tsa

rona le dinaga tsa rona di santse e le jone konokono mo go okeng

bajanala ba mafatshefatshe. Tsamaiso le tlhokomelo ya mafelo a

diphologolo, go tlhomamisa gore ga di kgothege fa ka ntlha e nngwe re

fokotsa kgotlhakgotlhano le batho, legale e santse e le kgwetlho. Maiteko

a go fedisa kgothakgothano eo a akaretsa go epa didiba kwa mafelo a a

sireleditsweng, go ruta balemi barui ka fa ba ka tshelang le diphologolo

tsa naga ka teng le go phimola dikeledi ba ba senyeditsweng ke

diphologolo tsa naga. Ditshekatsheko tsa paka ya komelelo di tsweletse

mo lefatsheng leno go kgobokanya dikitsiso ka seemo le dipalo tsa

diphologolo tsa rona.

124. Kgwetlho e nngwe gape ke go oketsega ga bogodu jwa diphologolo

bo dirwa ke batho ba ba tswang kwa mafatsheng a mangwe, le go utswa

dibatana tse di tshelang, tse jaanong re tlaa simololang go itebaganya le

jone. Gape re tsere tshwetso ya go emisa letsomo go simologa ka 2014

ka jaana go tsomela monate fela go sa kake ga re kgontsha go somarela

diphologolo tse di tshwanetseng go tsewa e le matlotlo e seng sepe gape.

125. Puso e tshwaragane le bathusi mono le mo kgaolong eon o tsweletse

ka go diragatsa thulaganyo ya African Monitoring of the Environment for

Sustainable Development mo booming jaw SADC. Thulaganyo eo e

thusitse Botswana go tlhoma mafelo a le marataro a go ka amogelwang

dikitsiso tsp tepo loapi mo go one go balelwa le go tlhodumela melelo ya

naga mo lefatsheng leno lotlhe.

126. Jaaka re ipaakanyetsa paka ya komelelo ya ngwaga ono, go setse

go tlhomilwe mafelo a tlhabantsho melelo a supa kwa mafelong a a

tshabelelwang ke melelo go ralala lefatshe leno. tlhokomelo ya dithibela

molelo le yone e ne ya dirwa go tokafatsa tsamaiso le thibelo ya one. Ke

eletsa go lebogela lefatshe la Australia go bo le re thusitse go ruta batho

ba rona ka go tima melelo ya naga mme re solofetsa go tsaya dikgato tse

di gagametseng kgatlhanong le dirukutlhi tse di bayang matshelo a batho

le dithoto tsa bone mo kotsing.

127. Gape re diragatsa Thulaganyo ya makgadikagdi Management Plan,

ka go dira ditsela tse di yang kwa mafelong a ditso. Ka thulaganyo eo, re

ikaelela go sekaseka dikgwa, go bona gore a di ka seke di dirisediwe ditiro

tse dingwe tsa itsholelo. Ke itumelela go bega gape gore palo ya go lema

ditlhare mo digotlong le gone go a oketsega. go setse go thusitswe batho

ba le 173 go lema ditlhare e le bontlha bongwe jwa namolo lehuma fa ba

le 87 mo go bone bao, ba rutilwe mo dikgaolong di le thataro.

128. Masingwana a ditlhare a a ka fa tlase ga lephata la dikgwa le

tshomarelo ya matlotlo a naga a kgona go ntsha ditlhatshana di le 500

000 ka ngwaga, mme tse di 50 000 ke tse di abelwang setshaba ngwaga

le ngwaga ka thulaganyo ya setshaba ya go jwala ditlhare.

129.Mabapi le ditiro tse di tsweletseng tsa tshomarelo ya matlotlo tse di

kopanetseng le mafatshe a mangwe, jaaka ya Greater Mapungubwe

Trans Frontier Conservation Area, go solofetswe go fetsa ditumalano tsa

yone mo bogaufing.

130. Molao wa kanoko ya tikologo wa 2011 le ditsetlana tsa one, o ne wa

tsena mo tirisong ka Seetebosigo ngwaga eno. Molao oo o tlaa dira gore

go tlhongwe lekgotla la bakanoki ba tikologo go tlhokomela tiriso ya

tikologo. Seo se tlaa fokotsa selelo sa setshaba sa gore bakanoki ba

tikologo ba tura thata. ebile ba a diega.

131. Re tlaa tshwara pitso ya tsamaiso ya matlakala go simolola go latlha

matlakala ka tsela e e sa senyeng tikologo ka maikaelelo a go dirisa

matlakala gape le go fokotsa go ntshiwa ga one. Re setse re feditse

melawana e e tlaa thusang mo go tlhopheng matlakala. Fa e le kago ya

mafaratlhatlha a a bayang metsi a a tswang mo matlwaneng a boitiketso

mo lefatsheng leno lotlhe, go atolosiwa ga matamo a kgopho ya metsi a a

leswe a Gaborone le Kasane a tsweletse. Re ikaelela gape go atolosa

BOTSOGO

mafaratlhatlha a go nna jalo kwa Kanye le Molepolole.

132. Re thusiwa gape ke lekgotla la Africa Institute go itebaganya le tseo

tse di ka kgotlelang tikologo. Gape re tlhoma dilekanyetso tsa mosi o o

tswang mo dikoloing gore o laolwe sentle.

133. Puso e tla tswelela ka go neela botlhe ditlamelo tsa botsogo ka

phokoletso. Go oketsega ga ditlhwatlhwa tsa melemo legale ke kgwetlho

ka jalo re tshwanetse ra dira thulaganyo e e siameng ya go neela batho

kalafi, re ikaegile ka thulaganyo ya botsogo ya setshaba, e e reng go

farologanngwe ditiro tsa tsamaiso, tlhatlhobo le tiragatso mo mhameng wa

botsogo. Thulaganyo eo gape ya re go tlhongwe khansele ya botsogo ya

setshaba e e tlaa ntshang kaedi mo go botlhe ba ba nang le seabe mo

botsogong go tlhomamisa gore botsogo bo tseelwa kwa godimo.

134. Boleng jaw go direla setshaba kwa dikokelong tsp rona go

tshwanetse ga tsaya maemo a ntlha. E rile bosheng ra rutuntsha baoki ba

ba tlaa bong ba itebagantse le tirisano sentle le batho gore ba tle ba thuse

balwetse fa ba etetswe ke ba masika. Gape dikgaolo tsa botsogo mo

lefatsheng leno di ithulagantse sesha gore di kgone go thusa balwetsi bao

ba ba nang le botlhoki jo bo rileng jaaka bagodi le ba ba tshelang le

bogole.

135. Seemo sa ditirelo le sone se a godisiwa kwa dikokelong ka go

tshwaraganya dikokelo tsa rona le tsa mafatshe a sele. Go setse go

tshwaragantswe ditirelo tsa melemo di le nne mme re solofela gore tse

dingwe di tlaa latela mme re dumela gore tshwaragano ya go nna jalo e

tlaa tsholetsa seemo sa ditirelo jaaka go tlhokega.

136. Go itebaganya le tlhaelo e e teng mo kalafing ya tshoganetso, re

tlhomile lefelo le go ka neng go lelediwa kwa go lone mo Gaborone fa go

na le tshoganetso, mme dikoloi tse di rwalang balwetsi tse di tlaa bong di

kgobokane golo go le gongwe di bo di bidiwa. Tiro ya go nna jalo e tlaa

isiwa gape kwa Francistown.

137. Go nna teng ga melemo mo dikokelong go tokafetse ka 89 per cent

fa kwa dikokelong tse di amogelang balwetsi go tswa kwa go tse dingwe

di tokafetse ka 87 per cent, dikokelo tse di kwa magaeng ka 87 per cent fa

tse dipotlana di tokafetse ka 80%. Maiteko a rona a go tsosolosa theko ya

melemo ga a thusa fela gore e nne teng kwa dikokelong mme gape le kwa

mabeelong a matona a puso kwa Gaborone a Central Medical Stores.

138. Fa esale ke puisano e e fetileng ya me le setshaba, dikokelo tse

dingwe di le nne di butswe, fa tse dingwe tse tlhano di tla simolodisiwa mo

ngwageng ono wa madi. Batho ba ba kwa metseng e e kgakala le

ditlamelo tsa botsogo kana palo ya batho e le kwa tlase ebile e

phatlaletse, ba tlaa tswelela ka go thusiwa ka ditlamelo tsa botsogo tse di

leriweng ka dikoloi fa go kgonega.

139. Tiragatso ya thulaganyo ya go fokotsa go tlhokafala ga masea e

tsweletse. Fa esale Lwetse ngwaga o o fetileng, dingaka le babelegisi ba

le 83 ba rutintshitswe mo go pelegisong ya tshoganetso le gone go

tlhokomela masea. Fa re lebile gore letshololo le khupelo ke mangwe a

malwetse a a borai ka ebile a ka baka leso mo ba neng, re senkile

melemo e e lebaneng le malwetse ao. Mme gape re ne ra kentela thibelo

ya malwetse ka selekanyong sa 90 per cent.

140. Go tsibogela koketsego ya kankere ya popelo, puso, e thusiwa ke US

Centre for Disease Control le University of Pennsylvania, o tsile go

simolola mothale o mosha wa go alafa popelo. Gape World Bank le yone

America gape, ba thusitse Botswana go reka metshine e e bonesang ya

Gene X-pert e le 33 e go solofelwang e tlaa thusang go fefosiwa ga tiro, e

e tsayang nakonyana e khutshwane fela go tlhomamisa gore molwetse o

na le bolwetse bofe. Metshine eo, e tlaa dira gore ditlhatlhobo tsa

kgotlholo e tona (TB) tse di neng di kgona go tsaya dikgwedi, jaanong di

tsee nakwana ya metsotso fela. boranyane jo bo tlaa isiwa wa

dikokelwaneng.

141. E re le ntswa go lopa madi a mantsi, re le puso re tsweletse ka

lenaneo la go aba dipilisi tse di ritibatsang mogare wa HIV/AIDS go

bontsintsi (95 per cent) jo bo di tlhokang. Re atolositse le selekanyo sa

kgatelelo ya mogare (CD4 count) go tswa fa go 250 go ya kwa go 350

gore ba ba amegileng ba simolole kalafi ka nako.

Phetogo e re solofela fa e tlaa thusa thata mo phokotsegong ya mogare o

mosha wa HIV go tswa kwa go 1.5 per cent go ya kwa go 0.5 per cent ka

2015. Re sale foo, re (puso) ntse re gagamaditse setoropo ka thibelo ya

mogare go tswa mo go mme go ya loseeng. Se se re baya mo

tshiamelong ya go fitlhelela maikaelelo a rona a go fologela tlase ga one

percent, fa re bua ka go fetlsetsa mogare go tswa go mme go ya

ngwaneng ka 2015. Re bua jaana bo rre ba le 42 000 ba setse ba fetile ka

lenaneo la borre la go rupa ka go kgaolwa letlalo la bonna go fokotsa go

tshabelelwa ke malwetse a dikobo. Bontsi jo bo dira fela 11 per cent ya ba

le 385 000 lefatshe lotlhe ba ba tshwanetseng go feta ka lenaneo le.

Dingwaga tsa bone di fa gare ga 13 le 49.

142. Lefatshe leno le tlhoka go fenya dikgoreletsi tsotlhe tse di thibelang

thibelo le kalafi. Ga go leano lepe le le ka berekeng le le losi go kgona

gore go seka ga nna le ope yo o tsenwang ke mogare, mme jaaka ke

buile pele, ga se melemo, ke boikgapho jo bo ka re gorosang kwa

maikaelelong a rona a go nna tshaba e e se nang mogare. Se se raya

gore maitsholo a fetolwe mo go tlhoafetseng.

143. Go beeletsa ga puso mo ditlamelong mo lobakeng lo lo leele go

setse go fekeetsa bodiredi. Go rarabolola bothata jo re simolodisitse

thulaganyo ya boitseanape jwa botsogo e e beileng baitseanape bao ba le

53 mo dipateleng di le pedi tse dikgolo le di supa tse di potlana mo

makalaneng a a farologanyeng a tshwana le la malwetse a pelo, karo ya

mokwatla jalo jalo.

144. Thulaganyo e dirisiwa gape go tlaleletsa Clinical Centres of

Excellence tse ke buileng ka tsone ngogola. Ka jalo, mafelo a kalafi ya

kankere a tlhomilwe kwa Nyangabgwe le Marina fa mafelo a karo ya

matlho le marapo a Sekgoma le Mahalapye a okeleditswe badiri le

didirisiwa.

145. Tiro e ntle e dirilwe gape ke dikomiti tsa tlhokomelo ya botsogo tsa

dikgaolo tsa Palapye le Selebi Phikwe tse di fetotseng seabe sa dikokelo

tsa bone go nna tsa tlhokomelo e e tseneletseng, ka go fudusa ditirelo tsa

balwetse ba ba sa robadiweng, jaaka kalafi ya batsetsi le bana ga mmogo

le go aba dipilisi tsa ARV go ya kwa dikokelwaneng. Maduo ke gore

jaanong dikokelo tsa bone jaanong di bona nako e ntsi ya go thusa

balwetse ba ba gateletsweng. Ditlhopha tsa dikgaolo tsa tsamaiso

botsogo lefatshe leno lotlhe le tsone di dule ka mananeo a a kgatlhisang,

a tshwana le go tlhatlosa dikokelwana dingwe maemo gore di bulwe

bosigo le motshegare.

146. Motsamaisa dipuisanyo mo dingwageng tse di 27 tse di fetileng

mmuso wa lefatshe la Cuba o ntse o romela badiredi ba one ba kalafi

mono go thusa ka maitseanape. Monongwaga ke itumelela go lo itsese

gore palo ya baitseanape bao e oketsegile go tswa kwa go 69 go ya kwa

go 102. Mo boemong jwa Batswana ke leboga thata puso le batho ba

Cuba mo thusong e e kanakana e setse e le dingwaga. Ga go na mpho e

e ka fetang ya botsogo jo bontle.

147. Dikokelo tsa Princess Marina, Nyangabgwe le kokelo ya malwetse a

tlhaloganyo ya S’Brana di atlegile mo go abeng ditirelo tsa bone tse e

seng tsa botlhokwa. Ditirelo dingwe gape di tlaa neelwa ba ba ikemetseng

mo dikokelong tsa dikgaolo, fa mabolokelo a melemo a Central medical

stores jaanong a roletse ba diterena go isa melemo kwa e romelwang

teng mo kgaolong ya botlhaba jwa lefatshe leno. Ke maikaelelo a rona go

ithola dipagamo tsa melemo go ralala lefatshe leno lotlhe.

148. ka dikole tsa ithutelo booki tse di tokafaditsweng, re ntse re oketsa

badiri ba ba rutilweng mo gae. Monongwaga dikole tse pedi tse di alositse

dialogane di le 684 fa mo dingwageng tse tlhano tse di fetileng di alositse

ba le 392.

149. lekalana la boranyane jwa booki kwa mmadikole le na le sekole a

Allied health professions le sa Public health and medicine se se nang le

baithuti ba bongaka ba masters ba le 41. mo godimo ga moo, sekole seo

se simolodisitse dithuto tse di fa godimo ga degree di supa. Go tloga ka

2014, lekalana le le tlaabo le berekisana le kokelo ya thuto teng kwa

mmadikole, e e agwang kwa tlhwatlhwa ya P1.3 billion.

BORANYANE LE BOITSEANAPE

150. Molawana o o simolodisitsweng bosheng wa dipatlisiso, boranyane le

boitseanape o raya go golaganya, go ntsha madi, go pepetletsa le go

kanoka ditiro tsotlhe tsa boranyane le boitseanape go tsamaelana le se

setshaba tse se di tseetseng kwa godimo. Go kopanngwa ga Botswana

Technology Centre le RIPCO go tlaa nonotsha dipatlisiso.

151. Botswana Innovation Hub jaanong ke khamphani ya motia e e

emeng nokeng bagwebi jwa boranyane le boitseanape ka lefelo la

boremelelo jwa tsa seranyane le boitseanape.

152. Puso e tsweletse ka go fa diteseletso le go baya leitlho madirelo a go

nna jaana go netefatsa gore a tsamaelana le ditsetlana tsa itshireletso tsa

mono gae le tsa mafatshefatshe tsa go dirisa tse di ntshang marang.

Maiteko a a botlhokwa thata bogolo jang mo dikakanyong tsa go epa

uranium. Jalo he, re ikaelela go tlhoma matlo seranyane a ditekeletso tsa

go kanoka le go batlisisa.

DITLHAELETSANYO TSA PUSO KA BORANYANE

153. Kgolagano ya puso ka boranyane e itebagantse le maiteko a go

nonotsha bodirela puso gore bo dire tiro ka manontlhotlho, mme ka fa

letlhakoreng le lengwe go rotloetsa tshaba e e nang le kitso. Go

anamisiwa ga yone jaanong go tshematshemisiwa ke go simolodisa

megopolo wa ‘1-gov’ o o tlaa kgontshang gore ditirelo tsa puso di tsamae

ka inthanete gore di tsabakele di be di tsamaele botlhe sentle. Mo leanong

le, go solofelwa go tlhaloganngwa fa go kopanngwa ga dikitsiso tse di mo

dikhomputareng, batho ba tlaa bona ditirelo tsa puso gongwe le gongwe

kwa ba leng teng le mo inthaneteng ka megala ya letheka le

dikhomputara. Jalo he re ikaelela go fedisa mathata a gore batho ba ye

kwa le kwa le go tswa mo lephateng le ba ya kwa go lele ba tsoma ditirelo.

154. Bokgoni jwa rona jwa go gaisana le mafatshe le go nna tshaba e e

nang le kitso le go kgona maikaelelo a rona mabapi le leano la inthanete

ya puso do tlhoka boranyane jwa maemo a ntlha le batho ba re ka bayang

mo bokgoning jwa bone jaaka e le bone ba ba bonang gore kgolo e nna

teng ka ditiro tsa diatla tsa batho. Jaaka go tlhokega mo diphetogong tseo,

East Africa Submarine System (EASSy) le West Africa Cable System

(WACS) di simolola go re fepa ka boranyane jo bo tokafaditsweng gore re

tle re golagane sentle le mafatshefatshe mme go sa re turele mo go kalo.

155. Go tsamaelana le ditlhabololo tse, re ntshafatsa mokokotlo wa

mogolagang wa rona wa ditlhaeletsanyo le mafaratlhatlha go akola botoka

boranyane jo jwa motlaleletsa. Puso gape e mekamekane le go tlhabolola

boranyane jo jwa ditlhaeletsanyo go rarabolola marara a go fitlhelela le go

ikanyega ga ditirelo. Go fokotsa ditlhwatlhwa tsa ditirelo tsa boranyane tse

di leng kwa godimo, Botswana telecommunication Authority e dirile kaedi

ya go tlhakanela didirisiwa e e tlaa kgontshang bantshi ba ditirelo go

fokotsa dituelo tsa bone, tse jaanong di tlaa fokotsang madi a a lopiwang

mo badirising ba ditirelo tse.

156. Kwa bofelong, re ineetse mo go ageng lefelo le le losi la ditirelo tsa

boranyane tse di akaretsang go ikopelo sekole, pasa, teseletso ya go

kgweetsa le gone go ikopelo setsha tota le go duelela ditlamelo. Dingwe

tsa ditirelo tseo tse di akaretsang go neela baithuti maduo a ditlhatlhobo

ka SMS le dipampiri tse motho a ka di itseelang mo digwaneng tsa

inthanete tsa maphata ka go farologana.

157. Re lemoga fa palo ya batho ba ba fitlhelelang inthanete di gola ka

dipatlisiso tsa bosheng di supa fa masome a mane le bobedi mo

lekgolong la Batswana ba tsena mo inthaneteng gantsinyana ka beke, fa

ba le masome mabedi le boraro mo lekgolong ba e etela ka sewelo. Ba le

masome matlhano mo lekgolong ba setse ba kile ba etela inthanete ya

puso.

158. Legale go tswa gone mo dipalong tse, go supa fa bontsi bo sa kgone

go tsena mo inthaneteng. Ka jalo re tsweletse ka go atolosetsa ditirelo tse

kwa merafeng. Metse selegae le le 197 le yone e setse e lomagantswe ka

lenaneo la rural Telecommunications Programme. Tsosoloso ya Nteletsa-I

go dira Nteletsa II e e akaretsang go tsosolosa didirisiwa tse dikgologolo

mo metseng e le 85 e solofetswe go wela le ngwaga.

159. Go atolosiwa ga metlobo ya Kitsong ka lenaneo la tlhakanela ditiro le

puso le gone go tsweletse. Fa re bua jaana boKitsong ba le 248 ba setse

ba tlhomilwe, mme di le 196 di tsamaisiwa ke diVDC le banana fa di le 56

e le tsa lekalana la diposo. Banana ba le 312 ba setse ba sugilwe mo go

tsa tsamaiso kgwebo gore ba tsamaise boKitsong. Gape re mo tseleng ya

go fa metlobo ya dibuka e le 78 go ralala lefatshe leno dikhomputara le

inthanete mme di le 38 d setse di goketswe.

160. Go ithola khamphani ya Botswana telecommunications Corporation

le gone jaanong go tsweletse. Mo bogompienong go setse go weditswe

dipampiri tsa semolao ebile go simolodisiwa Botswana Fibre network e e

tlaa tsamaisang EASSy le WACS.

161. Lephata la diposo le inaakantse le boranyane jwa segompieno go

tokafatsa le go tswakanya ditirelo tsa bone. Ka jalo go dirilwe thulaganyo

ya go tsenya maranayane otlhe a a tlhokegang go tokafatsa tsotlhe tse di

dirwang ke ba diposo, go tsholetsa seemo sa ditirelo go di neela setshaba

ka ditlhwatlhwa tse di kwa tlase. Diofisi dikgolo tsa diposo mo Gaborone,

jaanong di setse di tokafaditse ka fa di tsamaisang dikwalo ka teng ka jalo

batho ba amogela dikwalo ka nako kwa ntle ga tiego epe. Go kopana ga

Botswana Postal Services le Botswana Savings Bank go tsweletse. Molao

o o tlhokafalang o o dirwang ke Palamente o ne wa fetisiwa ke Palamente

e e fetileng. Fa o mongwe molao o o tsamaelanang le oo, o tlaa bewa

pele phuthego ya Palamente e e tseneng ya kgwedi eno.

BOBEGADIKGANG

162. Mo maitekong a rona a puso ya batho ka batho ya go akaretsa

Batswana, puso o ikaelela gore Motswana mongwe le mongwe a kgone

go bona dikgang a dirisa boranyane jwa segompieno, tse di ka

diragadiwang fela ka boranyane jwa kgaso, jwa dikoranta le ka boranyane

jwa inthanete. Ke itumelela gape gore dipatlisiso tse di dirilweng, di supa

fa Batswana ba na le tshepho e ntsi thata mo Btv, Seromamowa sa

Botswana le DailyNews go bo di bega dikgang tse di ikanyegang.

163. Mabapi le go atolosa ditshipi tsa mafaratlhatlha a kgaso, di ne tsa

tlhongwa mo mafelong a le mararo ngwaga ono mme seo sa dira gore

BTV le Radio Botswana di utlwale sentle mo metseng e le 62, ka jalo e

utwiwa ke batho ba ka nna 350 000. Seromamowa sa Botswana jaanong

se setse se utlwala kwa metseng e e kgakala thata jaaka Qangwa

Nxaunxau le Nxainxai.

164. Fa re tsena mo go diriseng tse di dirwang mo gae, seromamowa se

okeditse tiriso ya dipina tsa mono gae go tswa mo go 65 per cent go ya

NGWAO

kwa go 75 per cent, fa BTV yone e okeditse go dirisa dipina tsa mo gae go

tswa mo go 53 per cent go ya kwa go 57 per cent. Go na le tsholofelo ya

gore dithulaganyo tsa seromamowa le telebishene di atologe thata fa go

sena go hudugwa mo tirisong ya boranyane jwa analogue go tsena mo go

jwa digital terrestrial, jo bo tlaa supang dithulaganyo le ditshwantsho tse

di botoka tsa telebishene. Boranyane jo bosha jwa IS20 bo fokoditse

ditshenyegelo ka P6million ebile bo tlaa kgontsha BTV go nna le

dithulaganyo tse dintsi go feta pele.

165. Koranta ya DailyNews jaanong e goroga kwa metseng e le 357 e

fiwa batho ka tlhamalalo. E re le fa go gorosa kgaso kwa metseng e e

kgakala le ditlamelo go santse go na le dikgwetlho, re inaakantse le

ditsala tsa rona gore re kgone go fitlhelela teng. Koranata ya DailyNews

le bukana ya Kutlwano di mo dithulaganyong tsa go tsenya ditlamelo tsa

bone mo inthaneteng mo go tlaa simologang mo go yone kgwedi e, tiro e

e tlaa thusang go phatlalatsa ditirelo tsa bone, mono le kwa mafatsheng a

mangwe.

166. Go tlhoafalela go phatlalatso ya dikitsiso ka boranyane jwa inthanete

bo supega sentle mo tirisong ya jone, ka dithulaganyo tse di dirisiwang

that a tsa government e-portal, Facebook le tse dingwe gape tse di

tsamaelana natso le tsone di dirisa boranyane jo jwa inthanete fa e sale

bo tsenngwa mo tirisong gape ka Phukwi ngwaga ono.

167. Fa e le mo go neeleng basha dithata tsa itsholelo, ke itumelela go

bega gore jaanong re buletse dikgoro tsa rona diopedi tsa banana ba ba

batlang go gatisa dipina tsa bone e le go direla setshaba. Mo nakong eno

batho ba le 65 le ditlhopha ba setse ba tsile kwa go rona go gatisa dipina.

Gape re thapile babega dikgang ba nakwana ba banana go atolosa go

begwa ga dikgang kwa dikgaolong tsa magae. Babega dikgang ba mofuta

oo ba le 97 ba ne ba setse ba rutintshitswe.

168. Kwa ntleng ga nonotsha ngwao ya rona ya gore re tshaba e e

ipelafatsang ebile e bopagane, di-tsa ngwao di na le boleng jwa itsholelo.

Ka jalo re tsweletse ka go kwala le go gatisa ngwao ya rona e e leng

boswa jwa rona kgaolo ka kgaolo, go tlhomamisa gore merafe e nna le

ditshwanelo mo ngwaong ya yone. fa e le gore go na le ipapatso e e

nonofileng, di-tsa ngwao di na le bokgoni jwa go ka dira madi a mantsi

bogolo thata kwa metseng ya magae. Ke gone ka moo go neng ga bulwa

lefelo la go reka le go rekisa dilo tsa ngwao kwa Tsabong mo ngwageng

ono go itebaganya le kgaolo ya Kgalagadi. mafelo a mangwe a a ntseng

jalo a tlaa bulwa mo dikgaolong tse dingwe.

169. gape re tsweletse ka go ipelela re bo re tlotlomatsa ngwao boswa ya

rona ka dikgaisano tsa dikgaolo, tse di neng tsa tsenwa ke batho ba le 48

498 ka 2011. Batho ba le 12 652 ba ne ba tsaya karolo mo dikgaisanong

tsa mofuta oo ka dikgaisano tsa letsatsi la ga Tautona, mme go supega fa

go nnile le koketsego e e seng tona thata fa go tshwantshanngwa le

ngogola. Dikgaisano tsa mofuta o, kwa ntleng ga gore bagolo le bana ba

na le seabe mo go tsone, jaanong di setse di le botlhokwa thata mo e leng

gore ngwaga le ngwaga di a tshwarwa mme di oka bajanala.

170. Mmuso o setse o wetsa molao kakanyetso wa di-tsa ngwao o o tlaa

thusang gore di-tsa ngwao di thusiwe ka madi fa go santse go tlhongwa

molao o o tlaa dirang gore di kgone go itaola. Go tlhabolola seabe sa

batsaya karolo mo go diragatseng dilo tsa ngwao, fa esale ngwaga wa

2010 re ntse re epa dipitso tsa ngwao. Ka Phalane ngwaga ono dipitso di

le pedi di ne tsa tshwarwa kwa Tonota le Jwaneng ka maikaelelo a go

fitlhelela kwa bathong.

METSHAMEKO LE ITLOSO BODUTU

171. Puso e setse e lemoga gore metshameko e ka tlhama ditiro gape e

ka lere boitekanelo mo Batswaneng. Ke ka one mabaka a a e leng gore

khansele ya setshaba ya metshameko e tlhomileng thulaganyo ya

dingwaga tse 16 ya go tlhabolola metshameko fa ka ntlha e nngwe ditiro

dingwe di neetswe dikgaolo tsa yone tse thataro mo lefatsheng leno go di

itsamaisetsa.

172. Thulaganyo ya dikgaisanyo tsa metshameko tsa dikgaolo e tsweletse

ka go gola le go ratwa bogolo jang ke banana. Dipalo di supa fa

dikgaisano tseo di tsenelelwa ke batho ba le bantsi go feta jaaka go ne go

solofetswe. koketsego e dule mo go 28 000 go ya kwa go 66 000 mo

dikgaisanong tse di neng di tshwerwe ka kgwedi ya Motsheganong

ngwaga one o. Dipalo tse di akaretsa batho ba le 5 216 go tswa kwa

metseng e e kgakala le ditlamelo kwa ditlhopha di le 240 di tlhamilweng

teng. Go tlhangwa ga ditlhopha ka fa tlase ga metshameko e ya dikgaolo

go rotloetsa tlhabololo ya boeteledipele jwa banana. Metshameko eo

gape e thusa mo go anamiseng melaetsa ya botlhokwa ya botsogo go

balelwa le thibelo mogare wa HIV/AIDS.

173. Ditlhopha tsa Botswana di setse di itshupile bokgoni mo

dikgaisanong tsa metshameko ya mafatshefatshe. Kwa ntle ga gore ba

ne ba tshameka la ntlha mo metshamekong ya mafatshe a Africa

(AFCON 2012), setlhopha sa setshaba sa The Zebras se ne sa gapa

sekgele sa setlhopha sa maemo a ntlha mo Africa ka 2011. Metshameko

ka go farologana le yone e ne ya leretse lefatshe la rona tlotlo kwa

dikgaisanong tsa mafatshefatshe. ka bongwe ka bongwe, re na le palo e e

golang ya batshameki ba ba itsegeng kwa mafatshefatsheng, go balelwa

le motabogi wa tlhwatlhwa Amantle Montsho le Nigel Amos wa go tsaya

sekgele sa diolimpiki. Jaanong ke laletsa ntlo e e tlotlegang go nna le nna

mo go akgoleng batabogi ba rona mo tirong ya bone e ntle e ba e dirileng.

174. Puso e ikaeletse go tlhomamisa gore go dirwa tiro e ntle ka go duela

batshameki go nna le seabe le dikatso tsp dingwe gape. Ke rata thata go

leboga kemonokeng e e dirilweng ke makgotla a a ikemetseng ka nosi go

rotloetsa metshameko.

BOTSWANA LE MAFATSHE

175. Jaaka ke setse ke buile, ga re na boikgethelo fa e se go gaisanya le

mafatshefatshe. In so doing go na le tlhokego ya gore go dirisanngwe le

ba bangwe. Fela jaaka lefatshe leno e le leloko la mafatshefatshe, re na le

seabe mo go tsa boemedi go diragatsa dikeletso tsa rona fa gape re

tsenya letsogo mo tlhabololong ya mafatshefatshe, kagiso le tshireletso.

176. Tsamaiso ya rona ya mafatshe a sele e tshwanetse ya supa se re

leng sone re le setshaba. Jaaka re le lefatshe le le tlotlang molao le

ditshwanelo tsa setho re tlaa tswelela ka go ntsha mafatlha a rona mo

dilong tse di diragalang mo mafatshefatsheng ka ebile rotlhe re le

baagisanyi. Ka tsela e e ntseng jalo re tlaa tswelela re ntsha megopolo

ya rona ka dikgang tsa puso ya batho ka batho, tlotlo molao le go

diragatsa ditshwanelo tsa setho kwa makgotleng a a tlhokafalang. Jaaka

re le baagaisanyi ba ba molemo re tlaa tswelela re tlotla boloko jwa rona

le ditumalano tsotlhe tse re di saenetseng mo makgotleng otlhe a re leng

maloko a one.

177. Go nna leloko ga rona kwa khanseleng ya ditshwanelo tsa setho ya

lekgotla la ditshaba go tsholeditse seemo sa rona kwa mafatshefatsheng.

Dikopo tse re di amogelang go tswa kwa mafatsheng a mangwe le

makgotla go tshwaraganela melao ya ditshwanelo tsa setho le bone ke

sesupo sa tlotlo e re nang nayo mo mafatshefatsheng.

178. Jaaka re le Batswana, ga re kake ra tswelela go ikgatholosa tshololo

ya madi e e dirwang ke puso ya ga Bashar al Assad, e fa esale

tshimologo ya kgwedi e e fetileng go bolailweng batho ba Syria ba le 25

000, fa ba bangwe ba le 33 000 ba nna jaaka batshabi. Kwa ntle ga gore

ga re sute mo go tse re dumelang mo go tsone, go supa matshwenyego a

rona ka go wela tlase ga seemo sa tshireletsego kwa Syria se tsamaelana

le moono wa rona wa go rerisana le mafatshe a mangwe ka seemo se se

kwa Syria. Ka mabaka a a ntseng jalo re inaakantse le mafatshe a re

tshwanang ka moono ka go ntsha go swabisiwa ke khansele ya

itshireletso ya lekgotla la ditshaba go palelwa ke go tsisa tharabololo ya

sennela ruri kwa lefatsheng leo ka ebile go tsisa matshosetsi mo kagisong

ya kgaolo eo ga mmogo le ya batho ba Syria.

179. Jaaka re rotloetsa botsalano le mafatshe a mangwe, e ne ya re mo

ngwageng o o fetileng, ke ne ka etela mafatshe a mangwe go balelwa le a

mangwe mo kgaolong eno.

180. Ke ne ka itumela that a go etelwa ke tautona wa Liberia Mme Ellen

Johnson Sirleaf, tautona wa Nigeria, Rre Goodluck Jonathan, tautona wa

South Africa Rre Jacob Zuma le tautona wa Zambia, Rre Michael Sata.

Mo go lengwe le lengwe la maeto a go ne ga nna le kgatelopele mo go

nonotsheng ditirisanyo tsa botsalano le go kopanela ditlhabololo tsa

itsholelo.

181 Re ne gape ra tshwara bokopano jwa diphuthego tsa mafatshefatshe

ngwaga ono jaaka wa phuthego ya borobabobedi ya African Governance

Forum le ya Motsheganong ya a 2012 ya African Summit on

Sustainability, tse maduo a tsone Gaborone Declaration e

ntseng e galalediwa go twe e setse kwa godimo tshomarelo ya matlotlo a

Africa.

182. Jaaka ke boletse mo ngwageng o o fetileng le fa re na le dikgwetlho

tsa itsholelo, Botswana o tlaa tswelela a dira tshiamo. Ka tsela e e ntseng

jalo, re ne ra abela batho ba Congo-Brazzaville dijo le melemo fa ba sena

go lailwa ke molelo, ra namolo leuba kwa Lesotho le ditante kwa Somalia,

ra ba ra boa ra inaakanya le dikopo tsa lekalana la batshabi la lekgotla la

ditshaba go thusa batshabi ba Syria. Gangwe le gape re nna re isa

melaetsa ya kutlwelobotlhoko kwa ditsaleng tsa rona fa ba tsena mo

mathateng a dibetso tsa tlholego.

183. Re ne ra isa dithuso tse di farologanyeng kwa Liberia, Malawi le

South Sudan. Thuso ya rona kwa Liberia e remeletse mo go rutuntsheng

le tlhabololo ya ditswammung. Fa e le kwa Malawi le Lesotho, re ne ra

ntsha lekoko la maemo a a kwa godimo go dira dikanoko mme re setse re

dumalane go dira mmogo mo dilong tse di tshwanang le madi le tlhabololo

ya meamuso ya ditsatlholego le batho go thusa mo ditlhabololong le puso

e e siameng.

184. Mme ke boe gape ke amogele gore kgatelopele ya rona re le

setshaba e ntse e thusiwa ke dithuso go tswa kwa mafatsheng a mangwe.

Ka jalo ke tsaya sebaka se go leboga mafatshe otlhe le makgotla a

mafatshefatshe, go balelwa le makgotla a a ikemetseng le batho ka

bongwe ka bongwe ba ba re thusitseng.

TSHOBOKO

185. Ka go dira ka natla ebile re tshwaraganye, gape re itse se re se

batlang, re le Batswana re tlaa tswelela re atlega mo go ageng lefatshe le

le tsweletseng mme le sa tlogela ope kwa morago. Gore re fenye

dikgwetlho tse di re lebaganyeng, a re tlhomamisa re bo re lemoge gore

that a e tona ya rona ke popagano le go nna le mosola. leeto la rona mo

nakong eno le supa fa re le tshaba e e ka kgonang go dira tse dikgolo fa

go neng go sa solofelwa fa re kopanya bokgoni jwa rona.

186. Jaaka re le banni ba lefatshe leno, a re tswe mo mokgweng wa go

ikaega ka dithuso tse di tswang mo pusong mme boemo jwa moo re

ikaege ka bokgoni jwa rona jwa go ntsha dithoto le go itirela matshelo, re

nne le ngwao ya go dira ka natla, mme go dira jalo go ka re dira tshaba e

e humileng.

187. Kwa bofelong, kanoko ya rona re le setshaba, fela jaaka mo

lelwapeng, re tlaa wa re bo re tsoga mmogo. Jaanong a re ipotse gore

mongwe le mongwe wa rona o ka dira eng go nna le seabe mo go tse

dintle tse di teng. Mme go ka dirwa ditiro tse dikgolo ka dikabelo tse di

seng kalokalo mme di tswa mo bathong ba bantsi.

188. Mme ke garele gape ka go leboga badirela puso bao botlhe ba ba

mo pusong ba ba eteletseng pele ka go tswa dikai tse dintle ka go nna le

seabe mo ditirong tsa go ithaopela go direla setshaba. Mo nakong eno mo

ngwageng e, go setse go feditswe ditiro di feta lekgolo, tse di neng tsa

thusa diketekete tsa bangwe ka rona ba ba neng ba le mo letlhokong.

Dingwe tsa ditiro tseo di matlo a le 18, masingwana a merogo a le 41, go

tlhabolola mafelo a itloso bodutu, le dimpho tse d farologanyeng tsa madi

le dithoto, go thusa makgotla a eseng a puso le a mangwe a a ikemetseng

ga mmogo le malapa ao a a neng a tlhoka thuso.

189. Kwa bofelong, jaaka re kopana go itebaganya le dikgwetlho tse di re

emeng pele, a gape re kope masego le kaedi ya Modimo mo ditirong

tsotlhe tse re di dirang. Re ntse re itse gore ga se ka thata ya rona mme

ke ka mowa wa Modimo (Zechariah 4: 6) re ka atlega mo tse re eletsang

go di dira. A Modimo o segofatse Botswana.

Hooray! Your file is uploaded and ready to be published.

Saved successfully!

Ooh no, something went wrong!